YouVersion Logo
Search Icon

JEREMIA 1

1
Jeremia
1Mafoko a ga Jeremia morwa Hilekia, wa baperesiti ba ba neng ba le kwa Anathothe mo lefatsheng la Benjamine, 2 yo lefoko la ga Jehofa le kileng la tla kwa go ene mo metlheng ya ga Josia morwa Amone, kgosi ya Juta, ka ngwaga wa 13 wa puso ya gagwe. 3 Le gone la tla mo metlheng ya ga Jehoiakime morwa Josia, kgosi ya Juta; go ya bofelong jwa ngwaga wa 11 wa ga Setekia morwa Josia, kgosi ya Juta; go ya kwa go tlosiweng ga ba Jerusalema ba le ditshwarwa ka kgwedi ya botlhano.
Morena o bitsa Jeremia go nna moperofeti
4Jaana lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re: 5“E rile ke ise ke go bopele mo sebopelong ka bo ke go itse, le o ise o tswe mo sebopelong ka bo ke go itshepisitse; ke go laoletse go nna moperofeti mo merafeng.”
6Foo ka re: “Ao, Jehofa Modimo! Bona, ga ke itse go bua, gonne ke ngwanyana fela.”
7Mme Jehofa a nthaya a re: “Se re: ‘Ke ngwanyana fela’; gonne le fa e le bomang ba ke tlaa go romang kwa go bone o na le go ya fela, mme le fa e le eng se ke se go laolelang o na le go se bua fela. 8O se ka wa boifa ka ntlha ya bone, gonne ke na nao go go golola;” go bua Jehofa.
9Foo Jehofa a ntsha seatla, mme a nkama molomo; mme Jehofa a nthaya a re: “Bona ke tsentse mafoko a me mo molomong wa gago. 10Bona, ke go neile thata mo merafeng le mo magosing gompieno, go kumola le go phalolela fa fatshe, go senya le go ribegetsa; go aga le go tlhoma.”
Diponatshegelo tse pedi tsa ga Jeremia
11Gape lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re: “Jeremia, o bonang?” Ka re: “Ke bona thupa ya setlhare sa mothamane.”
12Foo Jehofa a nthaya a re: “O bonye sentle, gonne ke dibetse lefoko la me ka tlhodumelo go tla ke le dirafatsa.”
13Mme lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna lwa bobedi, la re: “O bonang?” Ka re: “Ke bona pitsa e tona e e belang ka thata; mme marago a yone a sekametse kwa ntlheng ya botsheka.”
14Foo Jehofa a nthaya a re: “Bosula bo tlaa phunyegela banni botlhe ba lefatshe, bo tswa ntlheng ya botsheka. 15Gonne bona, ke tlaa bitsa ba makgotla otlhe a magosi a a kwa ntlheng ya botsheka;” go bua Jehofa; mme ba tlaa tla, mme mongwe le mongwe o tlaa tlhoma setulo sa gagwe sa bogosi fa matsenong a dikgoro tsa Jerusalema, le fa tlase ga dithako tsa one mo tikologong, le fa tlase ga metse yotlhe ya Juta.
16“Ke tlaa bolela ditshekiso tsa me ka ga boikepo jotlhe jwa bone; ka ba ntatlhile, ba fiseditse medimo e sele maswalo, ba obametse tse e leng ditiro tsa diatla tsa bone fela.
17“Ke gone wena o ikokwaele lotheka, o nanoge, o bue nabo tsotlhe tse ke di go laolelang, o se ka wa tseanngwa ke bone, ka nka tla ka go tseanya fa pele ga bone. 18Gonne, bona, ka tsatsi leno ke go dirile motse o o thekeleditsweng, le tshipe lore, le dithako tsa kgotlho, kemalano le lefatshe lotlhe, kemalano le dikgosi tsa Juta, kemalano le dikgosana tsa teng, kemalano le baperesiti ba teng, le kemalano le batho botlhe ba lefatshe. 19Ba tlaa tlhabana nao; mme ga ba ketla ba go fenya; gonne ke na nao, go bua Jehofa, go go golola.”

Currently Selected:

JEREMIA 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy