YouVersion Logo
Search Icon

ISAIA 66

66
Jehofa o atlhola ditšhaba
1 Go bua jaana Jehofa, a re: “Legodimo ke setulo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa me sa dinao; lo tlaa nkagela ntlo e e ntseng jang? Le felo ga boikhutso jwa me e tlaa nna gofe? 2Gonne dilo tse tsotlhe seatla sa me se di dirile, jalo dilo tse tsotlhe tsa tla tsa nna, go bua Jehofa; mme motho ke yo, yo ke tlaa lebang kwa go ene, e bong ene yo o humanegileng, a le mowa o o ngomogileng, mme a roroma ka lefoko la me.
3“Yo o bolayang kgomo o ntse jaaka yo o bolayang motho; yo o isang kwanyana setlhabelo, o ntse jaaka yo o komolang ntša thamo; yo o supelang seromololo, jaaka yo o supelang madi a kolobe; yo o fisang maswalo jaaka yo o segofatsang modimo wa sesetwa, ee: ba itebalebetse mekgwa e e leng ya bone, le mowa wa bone o kgatlhega thata mo dilong tsa bone tse di makgapha. 4Le nna ke tlaa itebalebela diphoro tsa bone, ke tlaa tlisa dipoifo tsa bone mo go bone; gonne e rile ke bitsa, ope a se ka a araba, e rile ke bua, ba se ka ba utlwa; mme ba ne ba dira se se bosula mo matlhong a me fela, ba itshenkela se ke sa natefelwang ke sone.”
5Utlwang lefoko la ga Jehofa, lona ba lo roromang ka lefoko la gagwe: “Bomorwa rraeno ba ba lo tlhoileng, ba lo latlhetse kwa ntle ka ntlha ya leina la me, ba rile: ‘A Jehofa a galalediwe, gore re tle re bone boitumelo jwa lona;’ mme ba tlaa tlhajwa ke ditlhong.
6“Go tumo ya pheretlho e e tswang mo motseng, tumo e e tswang mo tempeleng, tumo ya ga Jehofa yo o ntshetsang baba ba gagwe maduo a a ba lekanyeng.
7 “E rile a ise a ikutlwe ditlhabi a khubama; e rile motlotsedi wa gagwe o ise o tle, a belega ngwana wa mosimane. 8Mang yo o kileng a utlwa selo se se ntseng jalo? Mang yo o bonyeng tse di ntseng jalo? A lefatshe le ka tsalwa ka letsatsi le le lengwe fela? A morafe o ka belegelwa gongwe fela? Gonne e rile Sione a sa ntse a ikutlwa ditlhabi a ba a belega bana ba gagwe. 9A ke tlaa kukuntsha, mme ke se ka ka belegisa?” Go bua Jehofa: “Nna yo ke belegisang, a ke tlaa tswala sebopelo?” Go bua Modimo wa gago.
10“Itumeleng le Jerusalema, lo bo lo ipele ka ntlha ya gagwe, lona lotlhe ba lo mo ratang; itumeleng nae ka moduduetso, lona lotlhe ba lo mo lelelang; 11gore lo tle lo anye lo kgore mabele a gagwe a a nametsang pelo; gore lo tle lo game lo napole, mme lo thethebale thata ka letlotlo la kgalalelo ya gagwe.”
12Gonne go bua jaana Jehofa, a re: “Bona, ke tlaa anamisetsa kagiso kwa go ene jaaka noka, le kgalalelo ya merafe jaaka nokana e e penologelang kwa ntle, gore lo tomane lo nwe teng; lo tlaa tsholwa ka noka, lo tlaa akgolwa mo mangoleng. 13Fela jaaka mongwe yo mmaagwe o mo gomotsang, nna ke tlaa lo gomotsa jalo; mme lo tlaa gomotsega mo Jerusalema.” 14Mme lo tlaa go bona, le pelo tsa lona di tlaa itumela, marapo a lona a tlaa kgaba jaaka bojang jo botalana; mme seatla sa ga Jehofa se tlaa itsiwe ntlheng ya batho ba gagwe, mme o tlaa gakalela baba ba gagwe.
15Gonne bonang, Jehofa o tlaa tla ka molelo, le dikara tsa gagwe di tlaa nna jaaka sefefo; a tla go ntsha bogale jwa gagwe ka tšarologo, le kgalemo ya gagwe ka dikgabo tsa molelo. 16Gonne Jehofa o tlaa emela kgang ka molelo le ka tšhaka ya gagwe, o tlaa bua le nama yotlhe; mme bagaidiwi ba ga Jehofa ba tlaa nna bantsi.
17“Ba ba iitshepisang ba intlafaletsa go ya mo masimong ba bopeletse, ba ja nama ya kolobe, le se se makgapha, le peba; bone ba tlaa khutla mmogo, go bua Jehofa.
18“Gonne ke a di itse ditiro tsa bone, le megopolo ya bone; lobaka lo etla lo ke tlaa phuthang merafe yotlhe le diteme ka lone, mme ba tlaa tla, ba tla bona kgalalelo ya me. 19Ke tlaa tlhoma sesupo mo go bone; mme ba ba falolang mo go bone ke tlaa ba roma kwa merafeng, kwa Tarešiše, le kwa Pule le Lute, e le ba ba itseng go laela bora, kwa Tubale, le Jafane, kwa ditlhakeng tse di kgakala, kwa ba iseng ba ke ba utlwe tumedi ya me, le gone ba ise ba bone kgalalelo ya me; mme ba tlaa kakanya kgalalelo ya me mo merafeng. 20Ba tlaa lere bomorwa rraeno botlhe, ba ba ntsha mo merafeng yotlhe, go nna tshupelo kwa go Jehofa, ba tla ka dipitse le mo dikareng, le ka difata, le ka dimmoulo, le ka dikamelana tse di fefogang, ba tla mo Jerusalema, mo thabeng ya me e e boitshepo, go bua Jehofa, jaaka bana ba Iseraele ba tle ba tlise tshupelo ka sejana se sentle mo ntlong ya ga Jehofa. 21Mme ke tlaa tsaya ba bone go nna baperesiti le Balefi,” go bua Jehofa.
22 “Gonne jaaka magodimo a maša a ke tlaa a dirang a tlaa sala a ntse fa pele ga me, le lefatshe le leša, losika lwa lone lo tlaa sala lo ntse jalo, le leina la lone jalo,” go bua Jehofa. 23“Go tlaa dirala, go re, go tloga mo kgweding e ntšha nngwe go ya kwa go e nngwe, le mo Sabateng mongwe go ya kwa go o mongwe, nama yotlhe e tlaa tla go obama fa pele ga me,” go bua Jehofa. 24 “Ba tlaa tsamaela kwa ntle ba ya go bona ditoto tsa batho ba ba dirileng ditlolo fa pele ga me; gonne seboko sa bone ga se ketla se swa. Le gone molelo wa bone ga o ketla o tingwa; mme ba tlaa nna se se tsitlisang marapo mo bathong botlhe fela.”

Currently Selected:

ISAIA 66: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy