YouVersion Logo
Search Icon

BAATLHODI 21

21
Basadi ba ga Benjamine
1Jaana banna ba Iseraele ba bo ba ikanne mo Misepa, ba re: “Ga go na ope wa rona yo o tlaa nayang Mobenjamine morwadie go nna mosadi.” 2Batho ba tla mo Bethele, ba dula teng fa pele ga Modimo go ya maitseboeng, ba tsholetsa mantswe a bone ba lela mo go botlhoko. 3Ba re: “Ao Jehofa Modimo wa Iseraele, ana selo se se dirafaletseng mo Iseraele, fa e tlaa bo ne ne gompieno lotso longwe lo tlhokofala mo Iseraele jaana?” 4Ga dirala ya re ka moso batho ba phakela, mme ba aga sebeso gone, ba isa ditshupelo tse di fisiwang le ditshupelo tsa kagiso. 5Mme bana ba Iseraele ba re: “Go na le mang mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele yo o se kang a tla mo go Jehofa mo phuthegong?” Gonne ba ne ba dirile ikano e kgolo ka ga gagwe yo o se kang a tla mo go Jehofa kwa Misepa, ba re: “Rure o tlaa swa.” 6Bana ba Iseraele ba ikwatlhaya ka ga Benjamine ngwana wa rraabo, ba re: “Gompieno lotso longwe lo kgaotswe mo Iseraele. 7Re tlaa dirang, gore re bonele ba ba setseng basadi, ka re ikanne ka Jehofa fa re se ketla re ba naya bomorwadia rona go nna basadi?”
8Ba re: “Mo ditsong tša Iseraele go na le mang yo o ne a se ka a tla mo go Jehofa kwa Misepa?” Mme bonang, ga bo go sa tswa ope kwa Jabeše-gileate a tla bothibelelong mo phuthegong. 9Gonne e rile batho ba balwa, bonang, ga bo go se na ope wa banni ba Jabeše-gileate gone. 10Phuthego ya roma batho gone, banna ba le 12 000 ba ba gaisang botlhe ka pelokgale, ba ba laola ba re: “Yang lo kgemethe banni ba Jabeše-gileate, le basadi le banyana ka bojetla jwa tšhaka. 11Se lo tshwanetseng go se dira ke se: Lo senyetse ruri lonna lotlhe, le mosadi mongwe le mongwe yo o kileng a lala le monna.” 12Mo banning ba Jabeše-gileate ba fitlhela makgarebana a le 400 a a iseng a ke a itse monna ka go lala nae; ba ba lere bothibelelong kwa Shilo o o mo lefatsheng la Kanana. 13Phuthego yotlhe ya roma batho ba ya go bua le bana ba Benjamine ba ba mo lefikeng la Rimone, ba ba kakanyetsa kagiso. 14Benjamine a boa ka baka loo; mme ba ba naya basadi ba ba ba rekegetseng mo basading ba Jabeše-gileate; le fa go ntse jalo ba se ka ba ba lekana.
15Batho ba ikwatlhaya ka ga Benjamine, gonne Jehofa o ne a dirile phatlha mo ditsong tsa Iseraele. 16Foo bagolwane ba phuthego ba re: “Re tlaa dirang gore ba ba setseng ba bone basadi, ka basadi ba sentswe mo Benjamine?” 17Mme ba re: “Go tshwanetse go direlwa ba ba falotseng mo Benjamine boswa, gore lotso longwe lo se ka lwa phimoga mo Iseraele. 18Le fa go ntse jalo ga re kake ra ba naya bomorwadia rona go nna basadi; gonne bana ba Iseraele ba ne ba ikanne ba re: ‘A go hutsege yo o tlaa nayang Mobenjamine mosadi.’ ”
19Ba re: “Bonang, go na le modiro wa ga Jehofa ka ngwaga le ngwaga mo Shilo, o o potileng Bethele ntlheng ya botsheka, go pota tsela ya mheru e e tswang Bethele ntlheng ya botlhabatsatsi ya Shekeme, le go pota Lebona ntlheng ya borwa.” 20Ba laola bana ba Benjamine, ba re: “Yang lo lalele mo masimong a mafine; 21mme lo lebe, mme fa lo fitlhela bomorwadia Shilo ba tswela kwa ntle ba tla go bina mo dipinong, foo lo tswe mo masimong a mafine, mongwe le mongwe wa lona a ikgapele mosadi mo go bomorwadia Shilo, a ye lefatsheng la Benjamine. 22Go tlaa dirala go re, e tlaa re borraabo, kgotsa bokgaitsadia bone ba tla go ngongorega mo go rona, re ba reye re re: ‘Ba re neeleng ka pelontle; ka re se ka ra tseela monna mongwe le mongwe wa bone mosadi wa gagwe mo ntweng; le gone ga lo a ba ba naya; fa go ne go ntse jalo lo ne lo tlaa bo lo le molato.’ ”
23Mme bana ba Benjamine ba dira jalo, ba itseela basadi ka fa palong ya bone, mo go ba ba binang, ba ba ba gapileng, ba tsamaya ba boela kwa bosweng jwa bone, ba aga metse eo, ba nna mo go yone. 24Bana ba Iseraele ba tsamaya ba tswa gone ka baka loo, monna mongwe le mongwe a ya lotsong lwa gagwe, le kwa go ba gagwe, ba tswa gone, mongwe le mongwe a ya bosweng jwa gagwe.
25 Mo metlheng eo go ne go se na kgosi mo Iseraele; motho mongwe le mongwe a dira se se siameng mo matlhong a gagwe ka esi fela.

Currently Selected:

BAATLHODI 21: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy