YouVersion Logo
Search Icon

BAATLHODI 20

20
Iseraele o ipaakanyetsa ntwa
1Foo bana ba Iseraele botlhe ba tswa, mme phuthego ya phuthega jaaka motho a le mongwe fela, go tswa Dane go ya fela kwa Beerešeba, le lefatshe la Gileate, ba phuthegela kwa go Jehofa kwa Misepa. 2Ditlhogo tsa batho botlhe, e bong tsa ditso tsotlhe tsa Iseraele, tsa iponatsa mo phuthegong ya batho ba Modimo, ba le 400 000, e le batho ba dinao ba ba tshotseng ditšhaka. 3(Bana ba Benjamine ba utlwa fa bana ba Iseraele ba tlhatlogetse kwa Misepa.) Mme bana ba Iseraele ba re: “Re boleleleng, go re, bosula jo bo dirafetse jang?” 4Motho wa Molefi, monna wa mosadi yo o bolailweng, a fetola a re: “Ka tla go lala mo Gibea o e leng wa Benjamine, nna le mogadingwana wa me. 5Banna ba Gibea ba ntshologela, ba dika ntlo ka ntlha tsotlhe go le bosigo, ke le mo teng; nna ba ne ba gopotse go mpolaya, mogadingwana wa me ba mmetelela ka thata, o bile o sule. 6Ka tsaya mogadingwana wa me ka mo kgabetlela, ka mo isa le lefatshe lotlhe la boswa jwa Iseraele; gonne ba dirile botlhabisa ditlhong le bosilo mo Iseraele. 7Bonang, lona bana ba Iseraele, lona lotlhe lereng kwano maano le kgakololo.”
8Batho botlhe ba ema jaaka motho a le mongwe fela, ba re: “A go se ye ope wa rona kwa mogopeng wa gagwe, le gone go se menogele ope kwa ntlong ya gagwe. 9Jaana se re tlaa se dirang Gibea ke se: Re tlaa o bololela ka taolo ya bola; 10re tlaa tsaya banna ba le some mo lekgolong lengwe le lengwe mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele, le 100 mo go ba ba 1 000, le 1 000 mo go ba ba 10 000, gore ba ye go tsholela batho dijo, e tle e re ba fitlha kwa Gibea wa Benjamine, ba itse go dira jaaka bosilo jotlhe jo ba bo dirileng mo Iseraele.” 11Jalo banna botlhe ba Iseraele ba phuthegela motse oo, ba kitlanye jaaka motho a le mongwe fela.
12Ditso tsa Iseraele tsa roma batho ba ya mo lotsong lotlhe lwa Benjamine ba re: “Bosula jo, jo bo dirafetseng mo go lona ke bofe?” 13Jaana ntshang banna bao, ba diramatla ba ba mo Gibea, gore re tle re ba bolaye, re tlose bosula mo Iseraele. Mme boora Benjamine ba gana go reetsa lentswe la ba ga bone, bana ba Iseraele. 14Bana ba Benjamine ba phuthegela mo Gibea ba tswa kwa metseng, ba tla go tlhabana le bana ba Iseraele. 15Bana ba Benjamine ba balwa ka tsatsi leo, ba ba tswang kwa metseng, e le banna ba le 26 000, ba ba tshotseng ditšhaka, kwa ntle ga banni ba Gibea ba ba badilweng, e le banna ba le 700, ba ba tlhaotsweng. 16Mo bathong bao botlhe go ne go le banna ba ba tlhaotsweng ba le 700 ba ba ntsogotlho; mongwe le mongwe a itse go konopa ka motsekedi golo go le kana ka boatlhamo jwa moriri, a sa fose. 17Banna ba Iseraele, kwa ntle ga boora Benjamine, ba balwa ba le 400 000, e le banna ba batshotseng ditšhaka; ba botlhe e le banna ba ntwa.
Ntwa le Babenjamine
18Bana ba Iseraele ba nanoga, ba tlhatlogela kwa Bethele, ba lopa kgakololo mo Modimong, ba re: “E bomang ba ba tlaa re etelelang pele ba ya go tlhabana le bana ba Benjamine?” Mme Jehofa a re: “A boora Juta ba ye pele.”
19Bana ba Iseraele ba tsoga ka moso, ba thibelela fa pele ga Gibea. 20Banna ba Iseraele ba tswa ba ya go tlhabana le boora Benjamine; banna ba Iseraele ba ba abela ntwa kwa Gibea. 21Bana ba Benjamine ba tswa mo Gibea, ba senyetsa Baiseraele fa fatshe ka tsatsi leo, banna ba le 22 000. 22Batho, e bong banna ba Iseraele, ba inametsa, mme ba aba ntwa gape mo felong kwa ba abileng teng ka tsatsi la ntlha. 23(Bana ba Iseraele ba ya ba lela fa pele ga Jehofa go ya maitseboeng; ba botsa Jehofa ba re: “A re tlaa ba re atamela re ya go tlhabana le bana ba Benjamine ngwana wa ga rraarona?” Jehofa a re: “Yang go tlhabana nabo.”) 24Bana ba Iseraele ba atamela ba ya go tlhabana le bana ba Benjamine ka tsatsi la bobedi. 25Boora Benjamine ba tswa mo Gibea ba ya go tlhabana nabo ka tsatsi la bobedi, gape ba senyetsa bana ba Iseraele fa fatshe, banna ba le 18 000, bao ba ne ba tshotse ditšhaka botlhe. 26Foo bana ba Iseraele botlhe, le batho botlhe, ba tlhatloga ba tla mo Bethele, ba lela, mme ba dula gone fa pele ga Jehofa, ba ithiba mo dijong ka tsatsi leo go ya maitseboeng; ba isetsa Jehofa ditshupelo tse di fisiwang le ditshupelo tsa kagiso. 27Bana ba Iseraele ba botsa mo go Jehofa, (gonne letlole la kgolagano ya Modimo le ne le le teng mo metlheng eo, 28le Finease, morwa Eleasare, morwa Arone a bo a eme fa pele ga lone mo metlheng eo), ba re: “A ke re bolole re ye go tlhabana gape le bana ba Benjamine ngwana wa ga rraarona, gongwe a ke re khutle?” Jehofa a re: “Tlhatlogang; gonne ke tlaa re ka moso ke ba tsenye mo diatleng tsa lona.”
29Iseraele a beela Gibea balaledi mo tikologong ya gone. 30Bana ba Iseraele ba bolola ba ya go tlhabana le bana ba Benjamine ka tsatsi la boraro, ba abela Gibea ntwa jaaka ka metlha e mengwe. 31Bana ba Benjamine ba tshologela batho bao, mme ba katosiwa motse, ba simolola go kgemetha le go bolaya batho jaaka ka metlha e mengwe, mo ditseleng tsa mheru, nngwe e le e e yang kwa Bethele, e nngwe e ya kwa Gibea mo nageng, e ka ne e le banna ba le 30 ba Iseraele. 32Bana ba Benjamine ba re: “Ba kgemethwa fa pele ga rona jaaka ga ntlha.” Mme bana ba Iseraele ba re: “A re tshabeng, re ba katose motse, ba tswele kwa ditseleng tsa mheru.” 33Banna botlhe ba Iseraele ba nanoga mo mannong a bone ba ikabela kwa Baale-tamare; balaledi ba Iseraele ba photsega mo mannong a bone, e bong mo Maare-gibea. 34Ga tla banna ba ba tlhaotsweng ba le 10 000 ba Iseraele, ba tla go lebagana le Gibea, ntwa e ne e le botlhoko thata; mme ba bo ba sa itse fa bosula bo le gaufi nabo. 35Jehofa a kgemetha Benjamine fa pele ga Iseraele; bana ba Iseraele ba senya boo rra Benjamine ka tsatsi leo, banna ba le 25 100; bao botlhe fela ba bo ba tshotse ditšhaka.
36Jalo bana ba Benjamine ba ipona fa ba kgemethegile.
Phenyo ya Baiseraele
Banna ba Iseraele ba ne ba sutela boo rra Benjamine, ka ba ikanetse balaledi ba, ba ba ba beetseng Gibea. 37Balaledi ba itlhaganela ba phagelela Gibea; balaledi ba anama, ba kgemetha motse otlhe ka bojetla jwa tšhaka. 38Jaana sesupo se se golaganetsweng ke banna ba Iseraele le balaledi e ne e le gore, ba tlaa kuisa mosi o mogolo mo motseng. 39Mme banna ba Iseraele ba retologa mo ntweng, boo rra Benjamine ba simolola go kgemetha le go bolaya banna ba Iseraele e ka ne e le batho ba le 30, gonne ba re: “Ruri ba iteelwe fa fatshe fa pele ga rona, jaaka mo tlhabanong ya ntlha.” 40E rile leru le simolola go tlhatloga mo motseng le le thogomosi, Babenjamine ba gadima, mme ba bona motse otlhe o tlhatlogela legodimong o le mosi fela. 41Mme banna ba Iseraele ba retologa, mme banna ba Benjamine ba tseana; gonne ba bona fa bosula bo ba wetse. 42Ke gone ka moo ba naya banna ba Iseraele dikotla, ba leba tsela ya naga; mme ntwa ya ba latela ka thata; le bone ba ba tswang mo metseng ba ba senyetsa mo gare ga yone. 43Ba tsenya Babenjamine gare ka ntlha tsotlhe, ba ba konatelela, ba ba tshwara kwa ba itapolositseng gone, go ya go fitlha bolebagana le Gibea ntlheng ya botlhabatsatsi. 44Ga swa mo go boo rra Benjamine banna ba le 18 000; bao botlhe e le banna ba ba pelokgale. 45Mme ba menoga ba tshabela ntlheng ya kwa nageng kwa lefikeng la Rimone; ba kotla banna ba le 5 000 mo ditseleng tsa mheru; ba ba konatelela ka thata go ya go fitlha kwa Gitome, ba kgemetha banna ba le 2 000 mo go bone. 46Jalo boo rra Benjamine ba ba suleng ka tsatsi leo fa ba le mmogo, e ne e le banna ba le 25 000 ba ba tshotseng ditšhaka; bao botlhe e le banna ba ba pelokgale.
47Banna ba ba 600 ba menoga ba tshabela ntlheng ya naga kwa lefikeng la Rimone, ba nna mo lefikeng la Rimone dikgwedi di le nne. 48Banna ba Iseraele ba retologela bana ba Benjamine gape, ba ba kgemetha ka bojetla jwa tšhaka, e bong motse otlhe, le dikgomo, le tsotlhe tse ba di fitlhelang; le gone metse yotlhe e ba e fitlhelang ba e tshubela.

Currently Selected:

BAATLHODI 20: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy