YouVersion Logo
Search Icon

HOSEA 2

2
1Rayang bana ba ga rraeno, lo re: “Ami”; le bokgaitsadia lona, lo re: “Rugama”.
Gomere, ke go re Iseraele ga a ikanyege
2“Rapelang mmaeno, lo mo rapele; gonne ga se mosadi wa me, le nna ga ke monna wa gagwe. A a tlose boaka jwa gagwe mo sefatlhogong sa gagwe, le dikgokafalo tsa gagwe gare ga mabele a gagwe. 3Nka tla ka mo tsodisetsa ruri, ka mmaya jaaka a ne a ntse mo tsatsing le o tsetsweng ka lone, mme ka mo dira jaaka naga fela, ka mmaya jaaka sekaka, mme ka mmolaya ka lenyora. 4Ee, ga nketla ke utlwela bana ba gagwe botlhoko; gonne ke bana ba boaka. 5Gonne mmaabo o akafetse; yo o ba imileng o dirile botlhabisa ditlhong; gonne o rile: ‘Ke tlaa latela barati ba me, ba ba nnayang dijo le metsi, le bobowa le leloba, le lookwane, le se se nowang.’
6“Ke gone, bona, ke tlaa thiba tsela ya gago ka matlhaku, ke tlaa mo kganela ka logora, gore a tle a se ka a bona ditselana tsa gagwe. 7O tlaa latela barati ba gagwe, mme ga a ketla a ba tshwara; o tlaa ba batla, mme ga a ketla a ba bona. Foo o tlaa re: ‘Ke tlaa tloga ke boela kwa monneng wa me wa ntlha; gonne jale go ne go le botoka mo go nna bogolo go gompieno.’
8“Gonne o ne a sa itse fa e le nna ke mo nayang mabele, le bojalwa jwa mofine, le lookwane, ke mo ntsifaletsa selefera le gouta tse ba diretseng Baale ka tsone. 9Ke gone ke tlaa tlhwayang mabele a me mo motlheng wa one, le bojalwa jwa mofine jwa me mo motlheng wa jone, ke phamola bobowa jwa me le leloba la me, tse di ne di tshwanetse tsa bo di khurumetsa bosaikategang jwa gagwe. 10Jaana ke tlaa senola ditlhong tsa gagwe mo ponong ya dinyatsi tsa gagwe, mme ga go na ope yo o tlaa mo gololang mo seatleng sa me. 11Gape ke tlaa khutlisa go dira mokete ga gagwe gotlhe fela, mediro ya gagwe, go rogwa ga dikgwedi ga gagwe, le bosabata ba gagwe, le mediro ya gagwe yotlhe e e masisi. 12Ke tlaa kgakgabatsa mafine a gagwe, le ditlhare tsa difeige, tse o buileng ka ga tsone, a re: ‘Tse ke tsone tuelo e barati ba me ba e nneileng.’ Ke tlaa di dira sekgwa, le diphologolo tsa naga di tlaa di ja. 13Ke tlaa mo kgopholela metlha ya Bobaale, ba o ba fiseditseng maswalo; jale ka a ikgabisa ka manyena a gagwe le dilo tsa gagwe tse di manyedinyedi, a ba a latela dinyatsi tsa gagwe, a ntebala,” go bua Jehofa.
Lorato lwa Morena mo bathong ba gagwe
14“Ke gone, bonang, ke tlaa mo fepa, ke mo isa kwa nageng, mme ke tlaa bua nae ka go mo kokobetsa pelo. 15 Ke tlaa mo naya masimo a gagwe a mafine a tswa gone, le mokgatšha wa Akore go nna kgoro ya tsholofelo. O tlaa opela gone jaaka mo motlheng wa borweetsana jwa gagwe, le jaaka mo motlheng wa fa a tswa lefatsheng la Egepeto. 16Go tlaa nna mo motlheng oo, go bua Jehofa, gore, o tlaa nthaya leina o re: ‘Iši’; mme ga o ketla o tlhola o mpitsa, ‘Baale’. 17Gonne ke tlaa tlosa maina a Bobaale mo molomong wa gagwe, ga ba ketla ba tlhola ba umakwa ka maina a bone.
18“Ke tlaa re mo motlheng oo ke ba direle kgolagano le diphologolo tsa naga, le dinonyane tsa loapi, le dilo tse di gagabang tsa lefatshe. Ke tlaa roba bora le tšhaka le tlhabano mo lefatsheng, mme ke tlaa ba robatsa ka polokego.
19“Ke tlaa go ipeelela
ka bosakhutleng;
ee, ke tlaa go ipeelela ka tshiamo,
le ka katlholo,
le ka bopelonomi jwa lorato,
le ka mautlwelobotlhoko.
20Ee, ke tlaa go ipeelela
ka boikanyo;
mme o tlaa itse Jehofa.
21Go tlaa dirala
mo motlheng oo
gore ke tlaa araba,”
go bua Jehofa:
Ke araba magodimo,
mme one a arabe lefatshe.
22Lefatshe le tlaa araba mabele,
le bojalwa jwa mofine, le lookwane,
mme tsone di arabe Jesereele.
23 Ke tlaa mo ijalela mo lefatsheng;
ke tlaa utlwela botlhoko ene
yo o se kang a bona
boutlwelobothloko;
ke tlaa raya bone
ba e neng e se batho ba me, ke re:
“Lo batho ba me”;
le bone ba tlaa re:
“O Modimo wa rona.”

Currently Selected:

HOSEA 2: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy