YouVersion Logo
Search Icon

HOSEA 1

1
Mosadi le bana ba ga Hosea
1 Lefoko la ga Jehofa le le tsileng mo go Hosea morwa Beeri, mo metlheng ya ga Usia, le Jothame, le Ahase le Hesekia, dikgosi tsa Juta, le mo metlheng ya ga Jeroboame morwa Joase kgosi ya Iseraele. 2E rile Jehofa a simolola go bua ka Hosea, a mo raya a re: “Ya o tseye mosadi wa seaka, le bana ba boaka; gonne lefatshe le dira boaka jo bogolo, ka go tlogela Jehofa.”
3Jalo a ya a tsaya Gomere morwadia Dibelaime; mme a ima, a bona nae ngwana wa mosimane. 4 Jehofa a mo raya a re: “Mo reye leina o re: ‘Jesereele’; gonne ke tlaa re kwa pelenyana, ke lefetse madi a Jesereele mo ntlong ya ga Jehu, ke be ke khutlise bogosi jwa ntlo ya Iseraele. 5Go tlaa dirala mo motlheng oo, go re, ke tlaa roba bora jwa ba Iseraele mo molapong wa Jesereele.”
6Mme a ba a ima gape, a belega ngwana wa mosetsana. Jehofa a mo raya a re: “Mo reye leina, o re: ‘Lorugama’, gonne ga nketla ke tlhola ke utlwela ba ntlo ya Iseraele botlhoko, go tla ke ba ke ba itshwarela gope. 7Mme ke tlaa utlwela ba ntlo ya Juta botlhoko, ke tlaa ba golola ka Jehofa Modimo wa bone, mme ga nketla ke ba golola ka bora, le fa e le ka dipitse, le fa e le ka bapalami ba dipitse.”
8Jaana e rile a sena go kgwisa Lorugama, a ba a ima, a belega ngwana wa mosimane. 9Jehofa a re: “Mo reye leina o re: ‘Lo-ami,’ gonne ga lo batho ba me, le gone ga nketla ke nna Modimo wa lona.”
Iseraele o tlaa tsosolosiwa gape
10 Le fa go ntse jalo palo ya bana ba Iseraele e tlaa nna jaaka mošawa wa lewatle, o o sa kakeng wa lekanngwa, le fa e le go balwa. Go tlaa dirala go re kwa ba reilweng leina gone, ga twe: “Ga lo batho ba me,” ba tlaa rewa leina gone, go twe: “Lo bomorwa Modimo o o tshedileng.” 11Bana ba Juta le bana ba Iseraele ba tlaa phuthwa mmogo, mme ba tlaa itaolela tlhogo e le nngwe fela, ba tlhatloga mo lefatsheng; gonne motlha wa Jesereele o tlaa nna mogolo.

Currently Selected:

HOSEA 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy