YouVersion Logo
Search Icon

2 DIKGOSI 2

2
Elija o tlhatlosediwa legodimong
1Ga dirala, e rile fa Jehofa a tlaa tlhatlosa Elija ka sefefo go mo isa legodimong, Elija a tloga kwa Gilegale a na le Eliša. 2Elija a raya Eliša a re: “Ke a go rapela nama o sa setse fa; gonne Jehofa o nthomile, a re ke ye kwa Bethele.” Mme Eliša a re: “Jaaka Jehofa a tshedile le jaaka mowa wa gago o tshedile, ga nketla ke go tlogela.” Mme ba ya kwa Bethele.
3Bomorwa baperofeti ba ba mo Bethele ba tswela kwa go Eliša, ba mo raya ba re: “A o a itse fa Jehofa a tlaa tlosa mong wa gago mo tlhogong ya gago gompieno?” A re: “Ee, ke a itse, didimalang fela lona.”
4Elija a mo raya a re: “Eliša, ke a go rapela, nama o sa setse fa; gonne Jehofa o nthomile, a re ke ye Jeriko.” Mme a re: “Jaaka Jehofa a tshedile le jaaka mowa wa gago o tshedile, ga nketla ke go tlogela.” Mme ba tla Jeriko.
5Bomorwa baperofeti ba ba mo Jeriko ba atamela kwa go Eliša, ba mo raya ba re: “A o a itse fa Jehofa a tlaa tlosa mong wa gago mo tlhogong ya gago gompieno?” A ba fetola a re: “Ee, ke a itse; didimalang fela lona.”
6Elija a mo raya a re: “Ke a go rapela, nama o sa setse fa; gonne Jehofa o nthomile, a re ke ye Joretane.” Mme a re: “Jaaka Jehofa a tshedile le jaaka mowa wa gago o tshedile, ga nketla ke go tlogela.” Mme ba tswelela pele boo babedi. 7Banna ba ba 50 ba bomorwa baaperofeti ba ya, ba ema ba lebaganye nabo kgakala; bone boo babedi ba ema fa Joretane. 8Elija a tsaya kobo ya gagwe a e menaganya, a fopha metsi, mme a kgaoganela kwano le kwa, mme bone boo babedi ba kgabaganya ba gata lefatshe le le omeletseng. 9 Ga dirala e rile ba sena go kgabaganya, Elija a raya Eliša a re: “Lopa se ke tlaa se go direlang, ke ise ke tlosiwe mo go wena.” Eliša a re: “Ke a go rapela, a mowa wa gago, o le dikabelo di le pedi, o nne mo go nna.”
10Mme a re: “O lopile selo se se thata; mme le fa go ntse jalo, e tlaa re fa o mpona mogang ke tlosiwang mo go wena, go tlaa nna jalo mo go wena, mme e tlaa re fa o sa mpone, ga go ketla go nna jalo.”
11Ga dirala, ya re ba ntse ba tswelela pele, ba ntse ba bua, bonang, ga bonala kara ya molelo, le dipitse tsa molelo, tsa ba kgaoganya boo babedi; mme Elija a tlhatlogela kwa legodimong ka sefefo. 12 Eliša a go bona, mme a re: “Rra wee! Rra wee! Dikara tsa Iseraele le bapalami ba tsone.” Mme a se ka a tlhola a mmona; a tshwara diaparo tsa gagwe, a di gagoganya sebedi. 13A tsaya le yone kobo ya ga Elija e e oleng mo go ene, a bowa, a ema fa losing lwa Joretane. 14A tsaya kobo ya ga Elija e e oleng mo go ene, a fopha metsi, a re: “Jehofa Modimo wa ga Elija o kae?” E rile ene a sena go fopha metsi, a kgaoganela kwano le kwa; mme a kgabaganya. 15E rile bomorwa baperofeti ba ba mo Jeriko, ka ba lebaganye nae, ba mmona, ba re: “Mowa wa ga Elija o ntse mo go Eliša.” Ba tla go mo kgatlhantsha, ba ikobela fa fatshe fa pele ga gagwe. 16Ba mo raya ba re: “A ko o bone jaana, batlhanka ba gago ba na le banna ba ba thata ba le 50; re a go rapela, a ba ye go batla mong wa gago; e se re gongwe mowa wa ga Jehofa o mo tlhatlositse, wa mo latlhela mo thabeng nngwe, kgotsa mo molapong mongwe.” Mme a re: “Lo se ka lwa roma.”
17Mme ka ba mo emelela thata a ba a tla a nna ditlhong a re: “Romang.” Ba roma banna ba le 50; mme ba batla ka malatsi a le mararo, mme ba se ka ba mmona. 18Ba boela kwa go ene a sa ntse a tlhotse mo Jeriko; a ba raya a re: “A ga ke a lo raya ka re lo se tsamaye?”
Dikgakgamatso tsa ga Eliša
19Banna ba motse oo ba raya Eliša ba re: “Re a go rapela, bona, bonno jwa motse o, bo bontle, jaaka morena wa me a bona; mme metsi a bosula, le lefatshe ga le ungwe.”
20A re: “Nteretseng sedibelo se seša, lo tsenye letswai mo go sone.” Ba se lere kwa go ene. 21A tswela kwa metsweding ya metsi, mme a latlhela letswai mo teng, a re: “Jehofa o bua jaana, a re: Ke alafile metsi a; ga go ketla go tlhola go le loso le fa e le go tlhoka go ungwa.” 22Jalo metsi a sa le a alafiwa le gompieno, jaaka lefoko la ga Eliša le o ne a le bua.
23A tloga gone a ya Bethele; ya re a tsamaya a le mo tseleng, ga tswa banyana mo motseng, ba mo sotla, ba mo raya ba re: “Tlhatloga logatadima! Tlhatloga logatadima!”
24A gadima, a ba bona, a ba hutsa mo ineng la ga Jehofa. Mme ga tswa dibera tse dinamagadi di le pedi mo sekgweng, tsa gagola bana ba le 42 mo go bone.
25Mme a tswa gone a ya thabeng ya Karemele, a ba a tswa goo a boela kwa Samaria.

Currently Selected:

2 DIKGOSI 2: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy