YouVersion Logo
Search Icon

2 DIKGOSI 1

1
Elija le kgosi Ahasia
1Jaana e rile morago ga loso lwa ga Ahabe, Moabe a tsuololela Iseraele.
2Ahasia a wa ka fa fensetereng se se selotloa sa ntlwana ya gagwe e e godimo e e mo Samaria, mme a lwala; a roma batho, a ba raya a re: “Yang lo botse mo go Baalesebube modimo wa Ekerone, gore, a ke tlaa fola mo botlhokong jo?” 3Moengele wa ga Jehofa a raya Elija wa Motišebe a re: “Nanoga o ye go kgatlhantsha barongwa ba kgosi ya Samaria, o ba reye o re: ‘A ke ka gobo go se na Modimo mo Iseraele, fa e bo ne ne jaana lo ya go botsa mo go Baalesebube modimo wa Ekerone?’ 4Ke gone Jehofa o bua jaana, a re: ‘Ga o ketla o fologa mo bolaong jo o palameng mo go jone, o tlaa swa ruri.’ ” Elija a tsamaya. 5Barongwa ba boela kwa kgosing, mme ya ba raya ya re: “Lo boetseng?”
6Ba mo raya ba re: “Go tlile monna mongwe go re kgatlhantsha, a re raya a re: ‘Boelang kwa kgosing e e lo romileng, lo mo reye lo re: Jehofa o bua jaana a re: A ke ka gobo go se na Modimo mo Iseraele fa e bo ne ne fano o roma o ya go botsa mo go Baalesebube modimo wa Ekerone jaana? Ka ntlha ya moo ga o ketla o fologa mo bolaong jo o palameng mo go jone, mme o tlaa swa ruri.’ ”
7Ya ba raya ya re: “E ne e le monna yo o ntseng jang yo o tsileng go lo kgatlhantsha, a ba a lo bolelela mafoko a?”
8 Ba e fetola ba re: “E ne e le monna yo o bobowa, a itlamile mo lothekeng ka moitlamo wa letlalo.” A re: “Ke Elija wa Motišebe.”
9Foo kgosi ya roma kwa go ene molaodi mongwe wa batho ba ba 50, a na le ba ba 50 ba gagwe. A ya kwa go ene; mme bonang, a bo a dutse mo tlhoreng ya thaba. A bua nae a re: “Wena monna wa Modimo, kgosi ya re o fologe.”
10 Elija a fetola molaodi wa ba ba 50, a re: “Fa ke le monna wa Modimo, a molelo o fologe kwa legodimong, o go nyeletse le ba ba 50 ba gago.” Ga fologa molelo kwa legodimong, wa mo nyeletsa le ba ba 50 ba gagwe.
11Gape ya roma kwa go ene molaodi yo mongwe wa banna ba ba 50, a na le ba ba 50 ba gagwe. Ene a mo raya a re: “Wena monna wa Modimo, kgosi e buile jaana ya re o fologe ka bonako.”
12Elija a ba fetola, a ba raya a re: “Fa ke le monna wa Modimo, a molelo o fologe kwa legodimong, o go nyeletse le ba ba 50 ba gago.” Mme molelo wa Modimo wa fologa kwa legodimong, wa mo nyeletsa le ba ba 50 ba gagwe.
13Gape ya roma molaodi wa ba ba 50 ba boraro, a na le ba ba 50 ba gagwe. Molaodi wa boraro, wa ba ba 50 a ya a fitlha a wela ka mangole fa pele ga Elija, a mo rapela, a mo raya a re: “Wena monna wa Modimo wee, ke a go rapela, a botshelo jwa me le botshelo jwa batlhanka ba gago ba ba 50 ba, bo ratege mo ponong ya gago. 14Bona, ga fologa molelo kwa legodimong wa nyeletsa balaodi ba babedi ba pele le ba ba 50 ba bone; jaana a botshelo jwa me bo ratege mo ponong ya gago.”
15Moengele wa ga Jehofa a raya Elija a re: “Fologa nae; o se ka wa boifa.” Mme a nanoga, a fologela nae kwa kgosing. 16A mo raya a re: “Jehofa o bua jaana a re: ‘E re ka o romile batho ba ya go botsa mo go Baalesebube modimo wa Ekerone, a ke ka gobo go se na Modimo mo Iseraele o go ka bodiwang lefoko la one? Ka ntlha ya gone moo, ga o ketla o fologa mo bolaong jo o palameng mo go jone, mme o tlaa swa ruri.’ ”
17Jalo a swa jaaka lefoko la ga Jehofa le Elija o ne a le buile. Jehorame a simolola go busa mo boemong jwa gagwe, ka ngwaga wa bobedi wa ga Jehorame morwa Jehošafate; gonne o ne a se na ngwana wa mosimane.
18Ditiro tse dingwe tsa ga Ahasia tse o ne a di dira, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Iseraele?

Currently Selected:

2 DIKGOSI 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy