YouVersion Logo
Search Icon

JOELE 1

1
1Lefoko la Morena le le tsileng kwa go Joele, morwa Phethuele, la re:
Letshwenyo la tsie le tshwantsha letsatsi la Morena la katlholo
2Utlwang, lona banna bagolo!
Sekegang ditsebe,
lona baagi botlhe ba lefatshe!
A selo se, se kile sa dirafala
mo metlheng ya lona,
gongwe mo sebakeng
sa borraeno?
3Se boleleleng bana ba lona!
Bana ba lona ba se bolelele
bana ba bone!
Bana ba bone ba se bolelele
losika lo lo ba latelang!
4Se se tlogetsweng ke boijane
se jewa ke segongwane;
se se tlogetsweng ke segongwane
sa jewa ke molome;
se se tlogetsweng ke molome
sa jewa ke tsie.
5Tsogang, lona matagwa, lo lele!
Gwetlang lotlhe
ba lo nwang weine
ka ntlha ya matute a moweine,
gonne a tlositswe
mo melomong ya lona.
6Gonne setšhaba se se thata
se se se nang palo
se tlile mo lefatsheng la me;
meno a sona a tshwana le a tau;
se na le meno a ditlhaa
jaaka tau e namagadi.
7Se sentse setlhare sa moweine
sa me,
se robile setlhare sa feie sa me,
se se obotse makwati go gotlhe,
sa a latlha.
Dikala tsa sona di ditshweu.
8Hutsafala jaaka lekgarebe
le le apereng diaparo
tsa khutsafalo,
le le hutsafalelang monyadi
wa lone.
9Ditshupelo tsa dijo le dino
di khutlisitswe
mo Ntlong ya Morena;
baperesiti, badiredi ba Morena,
ba hutsafetse.
10Naga e fetotswe sekaka,
masimo a tlhomola pelo,
gonne mabele a sentswe,
matute a moweine a kgadile,
lookwane lo fedile.
11Balemi ba swabile,
balemi ba meweine ba lela
ka ntlha ya mabele le garase,
gonne ga go na kotulo
mo masimong.
12Setlhare sa moweine se omeletse,
sa feie se swabile;
le sa garanata le sa mokolane
le sa apole le ditlhare tsotlhe
tsa naga di omeletse;
boitumelo bo tlogile jalo
mo bathong.
13Itlameng, lo lele, lona baperesiti,
lona badiredi ba aletare!
Tlaang lo lale lo apere
diaparo tsa khutsafalo,
lona ba lo direlang
Modimo wa me;
gonne Ntlo ya Modimo wa lona
e timiwa ditshupelo
tsa dijo le dino.
14Bayang sebaka sa go itima go ja,
bitsang phuthego,
lo phuthele banna bagolo
le baagi botlhe ba lefatshe
kwa Ntlong ya Morena,
Modimo wa lona,
lo goeleng kwa Moreneng.
15Joo, letsatsi le, wee!
Gonne letsatsi la Morena
le gaufi;
le tla tla jaaka kgatelelo
e e tswang
mo go Mong-wa-thata-yotlhe.
16A dijo ga di a tlosiwa
fa pele ga matlho a rona?
A boitumelo le meduduetso
ga di a tlosiwa
mo Ntlong ya Modimo wa rona?
17Dipeo di boletse mo mmung,
difala ga di na sepe,
matlo a mabele a rutlilwe;
gonne mabele a swabile.
18Diruiwa di lela jang!
Matlhape a dikgomo a a kaila,
ka a tlhoka mafulo;
matsomane le ona a a bogisega.
19 Morena, ke kuela kwa go wena,
gonne molelo o jele
mafulo a naga;
dikgabo tsa molelo di fisitse
ditlhare tsotlhe tsa naga.
20Diphologolo tsa naga
le tsona di go nyoretswe;
gonne dinoka tsa metsi
di kgadile,
mme molelo o jele
mafulo a naga.

Currently Selected:

JOELE 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy