YouVersion Logo
Search Icon

HOSEA 14

14
Modimo o itshwarela ba ba tlhabologang
1Iseraele, tlhabologela kwa Moreneng, Modimo wa gago, gonne o ole ka tshiamololo ya gago. 2Tsamayang ka mafoko, lo boele kwa Moreneng, lo mo ree lo re: “Re itshwarele molato otlhe gore re amogele se se molemo! Mme re tla leboga ka melomo ya rona boemong jwa ditlhabelo. 3Asiria ga a na go re thusa; ga re nke re palama dipitse, ga re tlhole re bitsa tiro ya diatla tsa rona modimo wa rona; gonne lesiela le bona kutlwelo-botlhoko mo go wena.”
Morena o solofetsa Baiseraele botshelo jo bošwa
4“Ke tla fodisa boikepo jwa bona,
ke ba rata ka pelotshweu;
gonne bogale jwa me
bo boile mo go bona.
5Ke tla nna mo Iseraeleng
jaaka monyo,
o tla thunya jaaka sešeše,
a nama medi jaaka Lebanone.
6Matlhogela a gagwe
a tla ntsifala;
bontle jwa gagwe bo tla nna
jaaka jwa setlhare sa olefa,
monko wa gagwe
o tshwana le wa Lebanone.
7Ba ba nnang mo moriting
wa sona
ba tla boa ba lema mabele,
ba tlhoga jaaka setlhare
sa moweine
se se tumileng jaaka weine
ya Lebanone.
8Eferaime o ka tlhola a dira eng
ka medimo ya diseto?
Nna ke mo utlwile,
ke tla nna ke mo tlhokomela.
Ke tla nna jaaka setlhare
sa mosiperese se setala.
Maungo a gago
a tla tswa mo go nna.”
Khutliso
9Yo o botlhale a a tlhaloganye dilo tse! Yo o tlhalefileng a a di itse. Gonne ditsela tsa Morena di tlhamaletse. Basiami ba tla tsamaya mo go tsona, mme baikepi ba kgotšwa mo go tsona.

Currently Selected:

HOSEA 14: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy