YouVersion Logo
Search Icon

BAFILIPI 2

2
Moapostolo o kaela Bafilipi gore ba nne ka mowa o le mongwe fela, Keresete e le sekao sa bone
1Jaanong fa go na le kgothatso ka Keresete, fa go na le kgomotso ya lorato, fa go na le kopano ya Mowa, fa go na le lorato lwa pelo le kutlwelo-botlhoko, 2tlatsang boitumelo jwa me ka go nna le boitlhômô bo le bongwe fela le lorato lo le longwe fela le bongwefela jwa pelo le kgopolo e le nngwe fela. 3Se direng sepe ka boithatelo, le fa e le ka tlotlo ya boithamako, mme ka boikokobetso yo mongwe a kaye yo mongwe yo mogolo mo go ene. 4A mongwe le mongwe a se lebe tsa gagwe fela, mme a a lebe le tsa ba bangwe. 5Boitlhômô jo bo tshwanetseng go nna mo go lona ke jo bo neng bo le mo go Keresete Jesu le ene,
6yo e rileng a le mo tshwanong
ya Modimo,
a se ka a kaya go tshwana
le Modimo jaaka thopo,
7mme a ikamoga ka go tshola
tshwano ya motlhanka,
a nna jaaka batho,
a fitlhelwa a tshwana le motho
ka maitsholo,
8a ikokobetsa ka go nna
yo o utlwang go ya losong,
e bong loso lwa sefapaano.
9Ke ka moo Modimo
o mo godisitseng mo go fetang,
wa mo naya leina le le fetang
leina lengwe le lengwe
10gore mangole otlhe
a khubamele leina la ga Jesu
a dilo tse di kwa legodimong
le a tse di mo lefatsheng
le a tse di kwa tlase
ga lefatshe,
11le loleme longwe le longwe
lo ipolele gore
Morena ke Jesu Keresete,
e le go galaletsa
Modimo Rara.
Kaelo ya go utlwa Morena mo dilong tsotlhe
12Jaanong, baratwi ba ka, ba lo ntseng lo utlwa ka metlha, e seng fela fa ke le teng, mme bogolo bogolo jaanong ke se yo, ipatleleng phologo ya lona ka poifo le thoromo; 13gonne Modimo ke ona o o dirang mo go lona go rata le go dira ka ntlha ya natefelo ya ona.
14Dirang tsotlhe kwa ntle ga dingongorego le dipelaelo 15gore lo nne lo se na molato, lo le bopeloephepa le bana ba Modimo ba ba sa nyatsegeng mo gare ga batho ba ba kgopo le tshokamo, ba lona lo phatsimang mo go bone jaaka dinaledi mo lefatsheng; 16lo ntse lo kgomaretse Lefoko la botshelo go nna poko ya me ka letsatsi la ga Keresete ya gore ga ke a ka ka sianela lefela le e seng go itapisetsa lefela.
17Mme le fa madi a me a ka tshololwa jaaka tshupelo ya noo ke ntse ke supele Modimo tumelo ya lona le go e o isetsa, ke tla nna ke itumela, ke be ke itumela le lona lotlhe. 18Mme le lona itumeleng fela jalo, lo itumeleng le nna.
Timotheo le Epafrodito ba romelwa kwa Filipi
19Ke solofela mo go Jesu Morena gore ke tla akofa ke lo romela Timotheo gore le nna ke namatshege mo moweng, fa ke sena go utlwa ka fa lo phelang ka teng; 20gonne ga ke na ope yo o tshwanang nae ka maikutlo, yo o ka lo disang ka nnete, 21ka gore botlhe ba ipatlela tsa bone, e seng tsa ga Keresete Jesu. 22Mme go ikanyega ga gagwe lo a go itse, ka a dirile tiro ya Efangele le nna jaaka ngwana a tle a dire le rraagwe. 23Ke ene yo jaanong ke solofelang go mo roma ka bonakonako, ke sena go bona ka fa kgang ya me e felang ka teng. 24Mme ke ikanya mo Moreneng gore le nna ke tla akofa ke tla.
25Le gona ke fitlhetse e le tshwanelo go busetsa Epafrodito kwa go lona, mokaulengwe le mothusi wa me le motlhabani-ka-nna, yo e leng morongwi wa lona le montlamedi ka tse ke di batlang. 26Gonne o ne a lo tlhologeletswe lotlhe, a tshwenyega thata mo moweng, ka lo ne lo utlwetse bolwetse jwa gagwe. 27O ne a lwala tota, e bile a le gaufi le go swa. Mme Modimo o mo utlwetse botlhoko, mme e seng ene fela, le nna o nkutlwetse botlhoko gore mahutsana a me a se ka a tla a tlhomaganye. 28Ke gona ka moo ke mo romileng ka potlako gore e re lo mmona, lo boe lo itumele, le nna ke fokotsegelwe ke bohutsana. 29Jaanong mo amogeleng mo Moreneng ka boitumelo jotlhe; tlotlang ba ba ntseng jalo. 30Gonne o ne a le gaufi le go swa ka ntlha ya tiro ya ga Keresete, ka a se ka a rekegela botshelo jwa gagwe gore a ntirele mo lona lo tlhaetseng go ntirela teng.

Currently Selected:

BAFILIPI 2: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy