YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 9

9
Phodiso ya sefofu
1E rile Jesu a feta, a bona monna yo o tsetsweng e le sefofu. 2Barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re: “Moruti, go leofile mang, a ke ene gongwe batsadi ba gagwe, fa a tsetswe e le sefofu jaana?”
3Jesu a araba a re: “Ga a a leofa, le e seng batsadi ba gagwe. Go dirafetse jalo gore ditiro tsa Modimo di bonadiwe mo go ene. 4Re tshwanetse go dira ditiro tsa yo o nthomileng, go sa le motshegare. Bosigo bo e tla jo go seng ope yo o ka kgonang go dira ka jona. 5Fa ke sa le mo lefatsheng, ke lesedi la lefatshe.”
6Ya re a sena go bua jalo, a kgwela fa fatshe, a duba seretse ka mathe, a tshasa matlho a sona ka seretse seo, 7a se raya a re: “Yaa o tlhape mo bodibeng jwa Siloame!” (Mo phetolelong ke go re: Morongwa). A ya, a tlhapa, a boa a bona.
8Jaanong ba ba agileng nae le ba ba mmonyeng pele e le mokopi ba re: “Yo a ga se ene yo o neng a tlhola a nnetse go kopa?”
9Ba bangwe ba re: “Ke ene;” ba bangwe ba re: “Nnyaya, o tshwana le ene.”
Mme ene a re: “Ke nna.”
10Jaanong ba mmotsa ba re: “Matlho a gago a foufolotswe jang?”
11A araba a re: “Motho yo o bidiwang Jesu o dubile seretse, a se ntshasa mo matlhong, a nthaya a re: ‘Yaa kwa bodibeng jwa Siloame, o tlhape.’ Jaanong ka ya, mme ya re ke tlhapa, ka foufologa.”
12Ba mo raya ba re: “O kae, yoo?”
Ene a re: “Ga ke itse.”
Bafarisai ba botsolotsa sefofu
13Ba mo isa kwa Bafarisaing, ene yo o neng a foufetse pele. 14Letsatsi le Jesu a dirileng seretse, a foufolola matlho a gagwe ka lone, e ne e le la Sabata. 15Jaanong Bafarisai le bone ba mmotsa jalo ka fa a bonyeng pono ya gagwe ka teng. A ba raya a re: “O mpeile seretse mo matlhong, ka tlhapa, mme jaanong ke a bona.”
16Ke fa bangwe ba Bafarisai ba re: “Monna yoo ga se wa Modimo; gonne ga a tshegetse Sabata.”
Ba bangwe ba re: “Monna wa moleofi o ka kgona jang go dira ditshupo tse di ntseng jalo?” Ga nna kgaogano gare ga bone.
17Ba be ba raya monna wa sefofu ba re: “Wena o a reng ka ga gagwe, ka e le foo o foufolotse matlho a gago?”
Ene a re: “Ké moporofeti.”
18Bajuta ba se ka ba dumela gore o ne a foufetse, mme o bonye pono ya gagwe, go fitlhelela ba bitse bagolo ba yo o foufologileng, 19ba ba botsa ba re: “A yo ke morwaa-lona yo go tweng o tsetswe a foufetse? Jaanong o bona jang kajeno?”
20Bagolo ba gagwe ba araba ba re: “Re itse fela gore yo ke morwaa-rona le gore o tsetswe a foufetse. 21Mme ga re itse ka fa jaanong a bonang ka teng; le ene yo o mo foufolotseng matlho ga re mo itse. Mo ipoletseng, o godile, o tla ikarabela.” 22Bagolo ba gagwe ba ne ba bua jalo, ka ba ne ba boifa Bajuta; gonne Bajuta ba ne ba setse ba dumalanye gore fa mongwe a ka mo ipolela gore ke Keresete, a kgaolwe mo senagogeng. 23Ke gona ka moo bagolo ba gagwe ba rileng: “O godile, mo ipoletseng.”
24Ba boa ba bitsa motho gape yo o neng a foufetse, ba mo raya ba re: “Tlotla Modimo fela. Rona re itse gore motho yoo ke moleofi.”
25Ene a fetola a re: “Fa e le moleofi, ga ke itse; ke itse se le sengwe fela gore ke ne ke le sefofu, mme jaanong ke a bona.”
26Ba boa ba mmotsa gape ba re: “O go dirileng? O go foufolotse matlho jang?”
27A ba araba a re: “Kana ke setse ke lo boleletse, mme ga lo a ka lwa utlwa. Lo batlelang go utlwa gape? A kampo le lona lo batla go nna barutwa ba gagwe?”
28Ke fa ba mo kgoba ba re: “Ke wena morutwa wa gagwe; rona re barutwa ba ga Moše. 29Re itse gore Modimo o buile le Moše; mme yoo, ga re itse gore o tswa kae.”
30Monna yoo a ba araba a re: “Ke se se gakgamatsang, fa lo sa itse gore o tswa kae, etswe a mphoufolotse matlho. 31Kana re itse gore Modimo ga o utlwe baleofi; mme fa mongwe a boifa Modimo, a dira ka fa thatong ya ona, Modimo o a mo utlwa. 32Go tswa tlholegong ga go ise go ke go utlwiwe ka gope gore mongwe o foufolotse matlho a yo o tsetsweng e le sefofu. 33Fa yoo e ka bo e se wa Modimo, o ka bo a sa kgone go dira sepe.”
34Ba mo araba ba re: “O tsaletswe mo dibeng gotlhe fela, mme a o a re ruta?” Ba be ba mo kgarameletsa kwa ntle.
Morena o kopana le sefofu se se foufologileng
35Jesu a utlwela gore ba mo kgaotse senagogeng. Ya re a mmona, a mo raya a re: “A o dumela mo go Morwa Modimo?”
36A araba a re: “Morena, ke mang, gore ke tle ke dumele mo go ene?”
37Jesu a mo raya a re: “O mmonye, e bile ke ene yo o buang nao.”
38Yoo a re: “Morena, ke a dumela.” A ba a mo obamela.
39Foo Jesu a re: “Ke tletse katlholo mo lefatsheng gore ba ba sa boneng ba bone, mme ba ba bonang ba foufale.”
40Bangwe ba Bafarisai ba ba nang nae, ya re ba utlwa dilo tseo, ba mo raya ba re: “A le rona re difofu?”
41Jesu a ba raya a re: “Fa lo ka bo lo le difofu, lo ka bo lo se na boleo; jaanong ka lo re: ‘Lo a bona!’ boleo jwa lona ga bo tloge.

Currently Selected:

JOHANE 9: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy