YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 8

8
Mosadi wa seaka
1Jaanong Jesu a ya kwa Thabeng ya Diolefa. 2A ba a boela gape kwa Tempeleng ka moso go sa le phakela, mme batho botlhe ba tla kwa go ene, a dula, a ba ruta.
3Foo Baitsedikwalo le Bafarisai ba tsisa go ene mosadi yo o tshwerweng mo boakeng. Ya re ba sena go mo emisa mo gare ga bone, 4ba mo raya ba re: “Moruti, mosadi yo, o tshwerwe, a akafala. 5Mme Moše o re laetse mo molaong gore ba ba ntseng jalo ba kgobotlediwe ka majwe. Jaanong wena o a reng?” 6Ba ne ba bua jalo, e le go mo lalela gore ba baane le se ba ka mmayang molato ka sona. Mme Jesu a inama, a kwala ka monwana fa fatshe.
7Ya re ba tsweletse go mmotsa, a inamologa, a ba raya a re: “Yo o se nang sebe mo go lona, a e nne ene wa ntlha yo o mo konopang ka lentswe.” 8A boa a inama, a kwala fa fatshe. 9Ya re ba utlwa, mme ba latofadiwa ke digakolodi tsa bone, ba tswa ka monokela go simolola ka bagolo go ya go wa bofelo, Jesu a tlogelwa a le esi, le mosadi a ntse a eme fa gare. 10Ya re Jesu a inamologa, mme a sa bone ope, fa e se mosadi fela, a mo raya a re: “Mosadi, balatofatsi bale ba gago ba kae? A ga go ope yo o go atlhotseng?”
11Yoo a re: “Ga go ope, Morena.”
Jesu a mo raya a re: “Le nna ga ke go atlhole. Tloga o tsamae, mme o se tlhole o leofa.”
Jesu ke lesedi la lefatshe
12Jesu a ba a bua nabo gape a re: “Ke nna lesedi la lefatshe; yo o ntshalang morago ga a ka ke a tsamaya mo lefifing, mme o tla nna le lesedi la bophelo.”
13Ke fa Bafarisai ba mo raya ba re: “O supa ka ga gago fela, tshupo ya gago ga se ya nnete.”
14Jesu a ba fetola a re: “Le fa ke supa ka ga me, tshupo ya me ke ya nnete; gonne ke itse kwa ke tswang teng le kwa ke yang teng, mme lona ga lo itse kwa ke tswang teng le kwa ke yang teng. 15Lona lo atlhola ka fa nameng; nna ga ke atlhole ope. 16Le fa nna nka atlhola, katlholo ya me e tla bo e le ya nnete; gonne ga ke nosi, ke nna le yo o nthomileng. 17Le gona go kwadilwe mo molaong wa lona gore tshupo ya batho ba le babedi ke ya nnete. 18Ke nna yo ke supang ka ga me, le Rara yo o nthomileng o supa ka ga me.”
19Foo ba mo raya ba re: “Rraago o kae?” Jesu a araba a re: “Ga lo nkitse le fa e le Rre. Fa lo ka bo lo nkitse, le ene Rre lo ka bo lo mo itse.”
20Mafoko a, o ne a a buela fa letloleng la dineo, a ruta mo Tempeleng; mme ga se ka ga nna ope yo o mo tshwarang, ka nako ya gagwe e ne e ise e tle.
Jesu le baganetsi ba gagwe
21Jesu a boa a ba raya a re: “Ke a tsamaya; lo tla mpatla, mme lo tla swela mo dibeng tsa lona. Kwa ke yang teng, lo ka se kgone go fitlha teng.”
22Bajuta ba re: “A o tla ipolaya, fa a re: ‘Kwa ke yang teng, lo ka se kgone go fitlha teng’?”
23Jesu a ba raya a re: “Lona lo ba tlase, nna ke wa godimo; lona lo ba lefatshe leno, nna ga ke wa lefatshe leno. 24Ke ka moo ke lo reileng ka re: Lo tla swela mo dibeng tsa lona; gonne fa lo sa dumele gore ke nna ena, lo tla swela mo dibeng tsa lona.”
25Ba mo raya ba re: “Wena o mang?” Jesu a ba raya a re: “Ke sa le ene yo ke lo ipoleletseng mo tshimologong. 26Ke na le dilo tse dintsi go di bolela ka ga lona le go di atlhola. Mme yo o nthomileng ke wa nnete, mme dilo tse ke di utlwileng mo go ene ke tsona tse ke di bolelelang lefatshe.”
27Ga ba a ka ba lemoga gore o bua nabo ka ga Rara. 28Jaanong Jesu a ba raya a re: “E tla re lo sena go tlhatlosa Morwa-Motho, gona lo tla itse gore ke nna ena, le gore ga ke dire sepe ka bogame, mme ke bua dilo tse, jaaka Rre a nthutile. 29Yo o nthomileng o na le nna, ga a a ntlogela ke le nosi; gonne ke dira ka gale tse di mo kgatlhang.”
30Ya re a bua dilo tse, ba bantsi ba dumela mo go ene.
Morwa Modimo o tlisa kgololesego
31Jaanong Jesu a raya Bajuta ba ba mo dumetseng a re: “Fa lo nna mo lefokong la me, lo bo lo le barutwa ba me ruri. 32Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.”
33Ba mo fetola ba re: “Re bana ba ga Aborahame, ga re ise re ke re nne batlhanka ba ga ope. O bua jang, fa o re: ‘Lo tla gololesega’?”
34Jesu a ba araba a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o dirang boleo ke motlhanka wa boleo. 35Mme motlhanka ga a nne mo ntlong ka gale, mme Morwa ene o nna ka gale. 36Fa jaanong Morwa a ka lo golola, lo tla bo lo gololesegile tota. 37Ke itse gore lo bana ba ga Aborahame, mme lo batla go mpolaya, ka lefoko la me le se na bonno mo go lona. 38Nna ke bua tse ke di bonyeng mo go Rre, le lona lo dira tse lo di utlwileng mo go rraeno.”
39Ba mo araba ba re: “Rraetsho ke Aborahame.”
Jesu a ba raya a re: “Fa lo ka bo lo le bana ba ga Aborahame, lo ka bo lo dira ditiro tsa ga Aborahame. 40Mme jaanong lo batla go mpolaya, nna motho yo ke lo boleletseng boammaaruri jo ke bo utlwileng mo Modimong; Aborahame ga a a ka a dira jalo. 41Lona lo dira ditiro tsa ga rraeno.” Ba mo raya ba re: “Ga re a tsalwa ka boaka, re na le rraetsho a le mongwe fela, e bong Modimo.”
42Jesu a ba raya a re: “Fa Modimo e ka bo e le rraeno, lo ka bo lo nthata; gonne ke tswa kwa Modimong, ka tla. Ga ke a tla ka bogame, mme ke ona o o nthomileng. 43Ke go reng, fa lo sa tlhaloganye puo ya me? Ke ka gonne lo palelwa ke go reetsa lefoko la me. 44Lona lo tswa mo go rraeno Diabolo, lo bile lo rata go dira dikeletso tsa ga rraeno. Ene e ne e le mmolai wa batho go tswa tshimologong, ga a a ka a tlhomama mo boammaaruring; ka gonne ga go na boammaaruri bope mo go ene. Fa a bua maaka, o bua se ene a leng sona; gonne ke ene moaki le rraa-maaka. 45Mme nna, e re ka ke bolela boammaaruri, ga lo ntumele. 46Ke ofe wa lona yo o ka supang boleo mo go nna? Mme fa ke bua boammaaruri, ke eng lo sa ntumele? 47Yo e leng wa Modimo o utlwa mafoko a Modimo; lona ga lo ba Modimo, ke ka moo lo sa a utlweng.”
Aborahame le Jesu
48Bajuta ba mo araba ba re: “A ga re bue nnete, fa re re, o Mosamaria, o bile o na le modemone?”
49Jesu a fetola a re: “Nna ga ke na modemone, ke tlotla Rre, mme lona lo a ntlotlolola. 50Nna ga ke ipatlele tlotlo, mme mongwe o teng yo o e batlang, yo o atlholang. 51Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Fa mongwe a ka dirisa lefoko la me, ga a ka ke a bona loso ka bosakhutleng.”
52Bajuta ba mo raya ba re: “Jaanong re itse gore o na le modemone. Aborahame o sule, le baporofeti, mme wena o a re: ‘Fa motho a ka tshegetsa lefoko la me, ga a ka ke a utlwa loso ka bosakhutleng.’ 53A wena o mogolo go Aborahame, rraetsho yo o suleng, le baporofeti ba sule? O itshema mang?”
54Jesu a araba a re: “Fa nna ke ikgalaletsa, kgalalelo ya me ga se sepe; Rre ke ene yo o nkgalaletsang, yo lo reng, ke Modimo wa lona. 55Fela, ga lo mo itse; mme nna ke a mo itse. Fa nka bo ke re: Ga ke mo itse, nka bo ke tshwana le lona, ke le moaki; mme ke a mo itse, ke bile ke dirisa lefoko la gagwe. 56Aborahame rraeno o ne a ipelela go tla bona letsatsi la me, a le bona, a ba a itumela.”
57Ke fa Bajuta ba mo raya ba re: “Ga o ise o nne le dinyaga di le 50, o bonye Aborahame jang?”
58Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Pele Aborahame a ise a tsalwe, nna ke ntse ke le teng.”
59Foo ba sela majwe go mo konopa ka ona; mme Jesu a iphitlha, a tswa mo Tempeleng, a ba raletse, a tsamaya.

Currently Selected:

JOHANE 8: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy