YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 2

2
Ponatso ya ntlha ya kgalalelo ya Morena mo lenyalong la kwa Kana
1Ka letsatsi la boraro go ne go le lenyalo kwa Kana wa Galelea, mma Jesu a le teng. 2Jesu le ene a lalelediwa lenyalo le barutwa ba gagwe. 3Jaanong ya re weine e tlhaela, mma Jesu a mo raya a re: “Ga ba na weine.”
4Jesu a mo raya a re: “Mosadi, ke tlhakanetseng nao? Nako ya me ga e ise e tle.”
5Mmaagwe a raya badiredi a re: “Se a ka se lo rayang, lo se dire.”
6Jaanong ga bo go le ditsaga tsa majwe di le thataro, tse di beilweng ka fa mokgweng wa Bajuta wa go tlhapa, nngwe le nngwe e ka tshola dikgamelo di le tlhano gongwe di supa. 7Jesu a ba raya a re: “Tlatsang ditsaga tseo metsi!” Ba di tshela, tsa ba tsa tlala. 8Jaanong a ba raya a re: “Gayang jaanong, lo ise kwa go morulaganyi wa modiro.” Ba a isa. 9Ya re morulaganyi wa modiro a utlwa metsi a a fetogileng weine, a sa itse kwa e tswang teng, go itse badiredi fela ba ba gileng metsi, a bitsa monyadi, 10a mo raya a re: “Motho mongwe le mongwe o a tle a ntshe weine e e monate pele, mme fa ba sena go kgora, go ntshiwe e e seng monate. Wena o bolokile weine e e monate go fitlha jaanong.”
11Sesupo seo sa ntlha Jesu o se dirile kwa Kana wa Galelea, a bonatsa kgalalelo ya gagwe, mme barutwa ba gagwe ba dumela mo go ene.
Jesu mo Tempeleng
(Math. 21:12-17; Mar. 11:15-18; Luka 19:45-48)
12Morago ga moo a ya kwa Kaperenaume, ene le mmaagwe le bomonnawe le barutwa ba gagwe, ba tlhola teng malatsi a se kae.
13Jaanong Tlolaganyo ya Bajuta ya bo e le gaufi, mme Jesu a ya kwa Jerusalema. 14A fitlhela ba ba rekisang dikgomo le dinku le maeba le baananyi ba madi ba ntse mo Tempeleng. 15Ya re a sena go dira seitei ka megala, a ba kobela kwa ntle ga Tempele botlhe, le tsona dinku le dikgomo; madi a baananyi a a tshololela fa fatshe, le dipati a di menola. 16A raya bone ba ba bapatsang maeba a re: “Tlosang dilo tse fa! Se direng Ntlo ya ga Rre ntlo ya thekelo.” 17Foo barutwa ba gagwe ba gakologelwa gore go kwadilwe ga twe: “Go tlhoafalela Ntlo ya gago go tla nja.”
18Ke fa Bajuta ba mmotsa ba re: “O ka re bontsha sesupo sefe gore ò ka dira dilo tseo?”
19Jesu a ba araba a re: “Digang Tempele e, nna ke tla e tsosa ka malatsi a le mararo.”
20Foo Bajuta ba re: “Tempele e, e agilwe dinyaga di le 46, mme ke eng fa wena o re, o tla e tsosa ka malatsi a le mararo?”
21Mme ene o ne a bua ka ga Tempele ya mmele wa gagwe. 22Jaanong e rile a sena go tsosiwa mo baswing, barutwa ba gagwe ba gakologelwa gore o kile a bua jalo, ba be ba dumela Lokwalo le lefoko le Jesu a le buileng.
Jesu o itse se se mo mothong
23E rile a le mo Jerusalema ka moletlo wa Tlolaganyo, batho ba bantsi ba dumela mo leineng la gagwe, ka ba bona ditshupo tsa gagwe tse a ntseng a di dira. 24Mme Jesu ka esi a se ka a ba ikanya, mo a ka ba ipolelelang, ka a ba itse botlhe, 25a sa tlhoke go bolelelwa sepe ka ga motho; gonne ene ka esi o ne a itse se se mo mothong.

Currently Selected:

JOHANE 2: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy