YouVersion Logo
Search Icon

MORERI 2

2
1Nkile ka ithaya mo pelong ka re: “Ahee! Ke tla leka go itumela le go ja monate.” Ka fitlhela le gona e le phefo fela. 2Ka bua ka ga setshego ka re: “Ke botsenwa;” le ka ga boitumelo ka re: “Bo thusa eng?” 3Ka ikakanya ka re: “Ke tla lapolosa mmele wa me ka weine – fela a tlhaloganyo e ntsamaise ka botlhale! – ke tla itshola ka bosilo go fitlhelela ke bone tse di leng molemo mo bathong, tse ba tshwanetseng go di dira fa tlase ga legodimo ka malatsi a a baletsweng maphelo a bone.”
4Ka dira ditiro tse dikgolo, ka ikagela matlo, ka itirela masimo a moweine. 5Ka itemela masimo le dikgwa tse di kgabisang, le ditlhare tsa maungo tsa mefutafuta, ka di tlhoma teng. 6Ka itirela matsha a metsi go nosetsa sekgwa sa ditlhare tse di tlhomilweng. 7Ka reka batlhanka le malata. Ka bona batlhanka ba ba tsaletsweng mo ntlong ya me, le gona ka rua motlhape o mogolo wa dikgomo le letsomane le legolo la dinku bogolo go botlhe ba ba neng ba le mo Jerusalema pele ga me. 8Le gona ka ikgobokanyetsa selefera le gouta le letlotlo la dikgosi le la dinaga; ka ipatlela baopedi ba banna le ba basadi le monate wa bomorwa-batho, e leng baratiwa ba le bantsi.
9Ka nna mogolo, ka nna ka golela pele, ka phala botlhe ba ba neng ba le mo Jerusalema pele ga me. Le gona botlhale jwa me jwa sala mo go nna. 10Tsotlhe tse matlho a me a neng a di eletsa ga ke a ka ka a ganela ka tsona le e seng go tima pelo ya me boitumelo bope; ruri pelo ya me e ne e itumelela matsapa otlhe a me. E ne e le tsona tuelo ya me mo tapisegong yotlhe ya me. 11Jaanong ya re ke leba ditiro tsotlhe tsa me tse di dirilweng ke diatla tsa me le matsapa a ke itapisitseng mo tirong ka ona, ka fitlhela tsotlhe e le tsa boithamako fela, e le go tshwara lephoro fela di se na mosola fa tlase ga letsatsi.
12Ka retologa go lemoga botlhale le botsenwa le boeleele. – Kana motho yo o latelang kgosi o ka dira eng se se iseng se dirwe? 13Ka lemoga gore botlhale bo gaisa bosilo jaaka lesedi le phala lefifi. 14Motlhalefi o na le matlho mo tlhogong ya gagwe, mme lesilo le sepela mo lefifing. Mme le gona ka lemoga gore tatlhego e ba wela botlhe ka go tshwana. 15Ka ba ka akanya mo pelong ka re: “Tse di welang lesilo, le nna di tla nkwela. Go nthusa eng, fa ke tlhalefile thata?” Ka ba ka ithaya mo pelong ka re: “Selo se le sona ke boithamako fela.” 16Gonne yo o botlhale le yo o bosilo ga ba kitla ba gopolwa ka bosakhutleng. Ka malatsi a a tlang ba tla bo ba sa bolo go lebalwa botlhe. Ijoo! Motlhalefi o tla swa fela jaaka lesilo! 17Ka moo ka ila bophelo; gonne tiro e e dirwang fa tlase ga letsatsi e ne e le botlhoko mo go nna. Gonne tsotlhe ke boithamako fela, ke go tshwara lephoro fela.
18Ka ba ka ila tsotlhe tse ke di itiretseng ka matsapa fa tlase ga letsatsi. Gonne ke na le go di tlogelela motho yo o tla nnang teng morago ga me. 19Go itse mang gore: A o tla nna botlhale gongwe bosilo? Mme o tla busa tsotlhe tse ke di itapiseditseng, ka di itirela ka botlhale fa tlase ga letsatsi. Le tseo ke boithamako fela. 20Ka ntlha ya moo ka tlhobogisa pelo ya me matsapa otlhe a ke itapisitseng ka ona fa tlase ga letsatsi. 21Gonne fa motho yo o itapiseditseng tsa gagwe ka botlhale le ka kitso le ka botswerere a na le go di tlogelela motho yo mongwe boswa yo a sa di itapisetsang, le gona moo ke boithamako fela le botlhoko jo bogolo. 22Kana motho o bona eng ka matsapa otlhe a gagwe le ka tshwenyego ya pelo ya gagwe tse o itapisang ka tsona fa tlase ga letsatsi? 23Gonne matlhoko le tshwenyego ke tsa gagwe ka malatsi otlhe; le bosigo pelo ya gagwe ga e ikhutse. Selo se le sona ke boithamako fela.
24Motho ga a na tse di molemo tse di gaisang go ja le go nwa le go jesa pelo ya gagwe monate mo tapisegong ya gagwe. Mme ke lemogile gore selo se le sona se tswa mo seatleng sa Modimo. 25Gonne go ka ja mang, go ka nwa mang kwa ntle ga ona? 26Gonne motho yo o o kgatlhang o mo naya botlhale le kitso le boitumelo. Mme tiro e o e neelang moleofi ke go phutha le go kgobokanya tse di tla neelwang yo o siameng fa pele ga Modimo. Le selo se ke boithamako fela le go tshwara lephoro.

Currently Selected:

MORERI 2: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy