1
MORERI 2:26
Setswana 1970
Gonne motho yo o o kgatlhang o mo naya botlhale le kitso le boitumelo. Mme tiro e o e neelang moleofi ke go phutha le go kgobokanya tse di tla neelwang yo o siameng fa pele ga Modimo. Le selo se ke boithamako fela le go tshwara lephoro.
Compare
Explore MORERI 2:26
2
MORERI 2:24-25
Motho ga a na tse di molemo tse di gaisang go ja le go nwa le go jesa pelo ya gagwe monate mo tapisegong ya gagwe. Mme ke lemogile gore selo se le sona se tswa mo seatleng sa Modimo. Gonne go ka ja mang, go ka nwa mang kwa ntle ga ona?
Explore MORERI 2:24-25
3
MORERI 2:11
Jaanong ya re ke leba ditiro tsotlhe tsa me tse di dirilweng ke diatla tsa me le matsapa a ke itapisitseng mo tirong ka ona, ka fitlhela tsotlhe e le tsa boithamako fela, e le go tshwara lephoro fela di se na mosola fa tlase ga letsatsi.
Explore MORERI 2:11
4
MORERI 2:10
Tsotlhe tse matlho a me a neng a di eletsa ga ke a ka ka a ganela ka tsona le e seng go tima pelo ya me boitumelo bope; ruri pelo ya me e ne e itumelela matsapa otlhe a me. E ne e le tsona tuelo ya me mo tapisegong yotlhe ya me.
Explore MORERI 2:10
5
MORERI 2:13
Ka lemoga gore botlhale bo gaisa bosilo jaaka lesedi le phala lefifi.
Explore MORERI 2:13
6
MORERI 2:14
Motlhalefi o na le matlho mo tlhogong ya gagwe, mme lesilo le sepela mo lefifing. Mme le gona ka lemoga gore tatlhego e ba wela botlhe ka go tshwana.
Explore MORERI 2:14
7
MORERI 2:21
Gonne fa motho yo o itapiseditseng tsa gagwe ka botlhale le ka kitso le ka botswerere a na le go di tlogelela motho yo mongwe boswa yo a sa di itapisetsang, le gona moo ke boithamako fela le botlhoko jo bogolo.
Explore MORERI 2:21
YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy
Home
Bible
Plans
Videos