YouVersion Logo
Search Icon

2 SAMUELE 1

1
Dafita o bolelelwa loso lwa ga Saule le lwa ga Jonathane
1E rile morago ga loso lwa ga Saule, Dafita a sena go fenya Baamaleke le go boa, a tlhola malatsi a le mabedi kwa Sitlage, 2ga tla monna ka letsatsi la boraro, a tswa kwa go Saule kwa bothibelelong, a ikgagotse diaparo, a itshetse mmu mo tlhogong. Ya re a fitlha kwa go Dafita, a wela fa fatshe, a ikoba. 3Mme Dafita a mmotsa a re: “O tswa kae?” A mo araba a re: “Ke falotse kwa bothibelelong jwa ga Saule.”
4Dafita a ba a mmotsa a re: “Go rileng? A ko o mpolelele.” A bolela a re: “Banna ba tshabile mo ntweng; le gona go ole ba bantsi ba morafe, ba swa; go bile go sule Saule le Jonathane morwawe.”
5Ke fa Dafita a botsa lekau le le mmoleletseng jalo a re: “O itse jang fa Saule le Jonathane morwawe ba sule?”
6Lekau le le mmegetseng mafoko la araba la re: “E rile ke feta kwa thabeng ya Gileboa, ka wela Saule a ikaegile ka lerumo la gagwe, ka bona ba dikoloi le bapalami ba dipitse ba mo leleka. 7A gadima, a mpona a mpitsa; ka re: ‘Ke fano.’ 8A mpotsa a re: ‘O mang?’ Ka mo araba ka re: ‘Ke Moamaleke.’ 9A nthaya a re: ‘A ko o eme fa go nna, o mpolae; gonne ke tshwerwe ke sedidi, mme bophelo bo sa le mo go nna jotlhe.’ 10Ka ema fa go ene, ka mmolaya; gonne ke ne ke itse gore, ga a kitla a phela a sena go wa. Ka tsaya serwalo sa bogosi se se neng se le mo tlhogong ya gagwe le mohitshane mo letsogong la gagwe, ka di tlisa kwano go morena wa me.”
11Ke fa Dafita a itshwara diaparo, a di gagola; le banna botlhe ba ba nang nae ba dira jalo. 12Ba hutsafala ba lela, ba itima dijo go ya mantsiboeng ka ntlha ya ga Saule le ka ntlha ya ga Jonathane morwawe le ka ntlha ya morafe wa Morena, e bong Baiseraele, ka ba ole ka tšhaka.
13Jaanong Dafita a botsa lekau le le mo itsisitseng jalo a re: “O mokae?” La araba la re: “Ke morwa monna yo o falaletseng kwa Boamaleke.”
14Dafita a ba a le botsa a re: “Ke go reng, fa o se ka wa boifa go ntsha letsogo go bolaya motlodiwa wa Morena?” 15Dafita a ba a bitsa lengwe la makau a re: “Atamela o mo wele.” La mo itaya, a ba a swa. 16Ya re a ise a swe Dafita a mo raya a re: “O swela molato wa gago. Gonne o ipoletse wa re ke wena o bolaileng motlodiwa wa Morena.”
Sefela sa ga Dafita ka ga Saule le Jonathane
17Ke fa Dafita a tlhaba sefela sa selelo ka ga Saule le Jonathane morwawe; 18– a Bajuta ba se rutwe! Kana se kwadilwe mo lokwalong lwa motlhamaladi! – a re:
19“Iseraele, mokgabo wa gago
o bolaetswe kwa dithoteng
tsa gago.
Kana bagale ba ole jang!
20Lo se ka lwa itsise kwa Gathe
le e seng go bolela
mo mebileng ya Ašekalone,
e se re gongwe bomorwadia
Bafelesita ba itumela,
bomorwadia ba ba sa rupang
ba duduetsa.
21Lona dithaba tsa Gileboa,
a go se we monyo le e seng
go na pula mo go lona;
a go se nne masimo
a a ntshang makgetho.
Gonne teng koo go sotlegile
dithebe tsa bagale
le thebe ya ga Saule,
e kete ga se ya yo o tloditsweng
ka lookwane.
22Bora jwa ga Jonathane bo ne
bo se ke bo sutela kwa morago
le tšhaka ya ga Saule
e ne e se ke e boa,
di sa tlala madi a ba ba
bolailweng le mafura a bagale.
23Saule le Jonathane,
baratwi le bakgatlhi!
Mo bophelong jwa bone
le mo losong lwa bone
ga ba a ka ba kgaogana.
Ba ne ba le lobelo
bogolo go bontswi,
ba le thata bogolo go ditau.
24Lona bomorwadia Iseraele,
lelelang Saule yo o neng a lo
apesa ka masela a mahibidu
le mekgabo e mentle;
a kgabisa diaparo tsa lona
ka mokgabo wa gouta.
25Kana bagale ba ole jang
mo tlhabanong!
Jonathane o namaletse mo
dithoteng tsa gago a bolailwe.
26Jonathane, morwa-rra,
ke mo khutsafalong
ka ntlha ya gago.
Ke ne ke go rata thata,
lorato lwa gago
lo nkgakgamatsa go gaisa lorato
lwa basadi.
27Kana bagale ba ole jang!
Dibolai tsa ntwa tsa latlhega.”

Currently Selected:

2 SAMUELE 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy