YouVersion Logo
Search Icon

2 SAMUELE 2

2
Dafita a tswa kgosi ya Juta
1Morago ga moo Dafita a botsa Morena a re: “A ke ke ye kwa go mongwe wa metse ya Juta?” Morena a mo araba a re: “Yaa!” Dafita a botsa gape a re: “Ke ye kwa kae?” A araba a re: “Kwa Heberone.” 2Dafita a ya teng mmogo le basadi ba babedi ba gagwe Ahinoame wa kwa Iserele le Abikaile, mosadi wa ga Nabale wa kwa Karemele. 3Le banna ba gagwe ba ba nang nae Dafita a ba isa teng, mongwe le mongwe le ba lapa la gagwe, ba aga mo metseng ya Heberone. 4Ke fa banna ba Juta ba tla ba tlotsa Dafita teng go nna kgosi ya lotso lwa Juta.
Jaanong ya re Dafita a begelwa go twe, banna ba Jabese kwa Gileate ba fitlhile Saule, 5Dafita a roma barongwi kwa banneng ba Jabese kwa Gileate, a ba raya a re: “A Morena a lo tshegofatse, ka lo diretse Saule morena wa lona ka lorato loo, lwa mo fitlha. 6Jaanong he, a Morena a lo direle ka lorato le boikanyo, mme le nna ke tla lo direla tse di molemo tseo, ka lo dirile tiro eo. 7Mme jaanong tsenyang marapo dinameng, lo nne banna ba ba pelokgale; gonne Saule morena wa lona o sule. Le gona Bajuta ba ntloditse go nna kgosi ya bone.”
Isebosethe o dirwa kgosi ya Iseraele
8Mme Abenere morwa Nere, molaodi wa mephato ya ga Saule, a tsaya Isebosethe morwa Saule, a mo isa kwa moseja ga Joretane kwa Mahanaime, 9a mo dira kgosi ya Gileate le ya Baašure le ya Iserele le ya Eferaime le ya Benyamene le ya Iseraele yotlhe. 10E rile Isebosethe morwa Saule a simolola go busa Iseraele, a bo a le dinyaga di le 40, a busa dinyaga di le pedi. E ne e le ba lotso lwa Juta fela ba ba gogang le Dafita. 11Mme palo ya malatsi a Dafita e neng e le kgosi ya lotso lwa Juta kwa Heberone ka ona ke dinyaga di supa le dikgwedi tse thataro.
Ntwa ya setšhaba sa Iseraele le sa Juta
12Abenere morwa Nere o kile a bolola kwa Mahanaime, a na le batlhanka ba ga Isebosethe morwa Saule, a tla kwa Gibeone. 13Le Joabe morwa Seruya le batlhanka ba ga Dafita ba bolola, ba kgatlhana le bale fa letsheng la Gibeone; bangwe ba thibelela ka kwano ga letsha, ba bangwe kwa moseja ga letsha. 14Ke fa Abenere a raya Joabe a re: “A makau a ke a nanoge, a tshameke fa pele ga rona!” Joabe a re: “A a nanoge.”
15A nanoga a feta a badilwe, a a 12 e le a Benyamene a ga Isebosethe, morwa Saule, a a 12 e le a batlhanka ba ga Dafita. 16Ke fa ba tshwarana ka ditlhogo, mongwe le mongwe a tlhaba mongwe-ka-ene ka tšhaka mo lotlhakoreng, mme ba wa mmogo. Felo foo ga bidiwa tshimo ya magale a ditšhaka e e kwa Gibeone.
17Tlhabano ya nna e e thatathata ka letsatsi leo, mme Abenere le banna ba Iseraele ba fenngwa ke batlhanka ba ga Dafita. 18Teng koo go ne go le bomorwa Seruya ba bararo: Joabe le Abisai le Asahele. Mme Asahele o ne a le lobelo jaaka tshephe mo nageng. 19Ene Asahele a tlhomere Abenere, a se ka a fapogela ntlheng ya le le jang le e seng mo go ya la molema, a ntse a setse Abenere morago. 20Ke fa Abenere a retologa a re: “A ke wena Asahele?” A re: “Ke nna.”
21Abenere a mo raya a re: “Fapogela mo ntlheng ya le le jang gongwe mo ntlheng ya la molema, o tshware mongwe wa makau, o itseele dibolai tsa gagwe.” Mme Asahele a gana go fapoga le go mo tlogela. 22Abenere a ba a bua gape le Asahele a re: “Fapoga tlhe o ntlogele! O batlelang gore ke go remele fa fatshe? Ke ne ke tla leba jang Joabe morwa-rraago?” 23Mme ya re a gana go fapoga, Abenere a mo tlhaba ka mhinyana wa lerumo mo mpeng, lerumo la ba la tswa ka kwa motlhaneng. Asahele a wa foo, a swela felong foo. Mme botlhe ba ba neng ba feta teng, fa Asahele a oleng a swela gona, ba ema.
24Mme Joabe le Abisai ba latelela Abenere. Ya re letsatsi le sena go phirima, ba fitlha kwa thabaneng ya Ama e e lebaganyeng le Gia fa tseleng e e yang kwa sekakeng sa Gibeone. 25Ke fa Babenyamene ba phuthegela kwa go Abenere, ya nna setlhopha se le sengwe, ba ema mo setlhoeng sa thabana nngwe. 26Jaanong Abenere a tlhaeletsa Joabe a re: “A tšhaka e tla ja ka bosakhutleng? A ga o itse gore tse di galakang di tla nna teng morago? E tla nna goleele go le kae o sa re, banna ba boe, ba tlogele bomorwa-rraabo?”
27Joabe a araba a re: “Ka bophelo jwa Modimo! Fa o ka bo o se ka wa bua jalo, banna ba ka bo ba se ka ba khutla go khutšhela bomorwa-rraabo bo ise bo se.” 28Ke fa Joabe a letsa lonaka; banna botlhe ba ema, ba se ka ba tlhola ba latelela Baiseraele; le gona ba se ka ba tlhola ba tlhabana.
29Mme Abenere le banna ba gagwe ba tsamaya bosigo jotlhe joo, ba ralala Lebala la Joretane, ba tshela Joretane, ba ralala naga yotlhe ya Bitherone, ba fitlha kwa Mahanaime.
30Ya re Joabe a sena go khutla go latelela Abenere, a phutha banna botlhe; ga tlhokafala banna ba le 19 le Asahele mo batlhankeng ba ga Dafita. 31Mme batlhanka ba ga Dafita ba ne ba bolaile banna ba le 360 ba Babenyamene ba banna ba ga Abenere, e le bone ba ba suleng. 32Jaanong ba tsaya setoto sa ga Asahele, ba mo fitlha mo lebitleng la ga rraagwe le le neng le le kwa Betleheme. Joabe le banna ba gagwe ba lala ba tsamaya bosigo jotlhe, ba fitlha kwa Heberone ka masa.

Currently Selected:

2 SAMUELE 2: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy