YouVersion Logo
Search Icon

2 BAKORINTHE 12

12
Pono ya ga Paulo le mutlwa mo nameng ya gagwe
1Boipoko bo tshwanetse, le fa bo sa thuse sepe. Ke ka moo ke tla fetelang kwa diponong tsa me le kwa maipontshong a Morena. 2Ke itse motho mo go Keresete yo o kileng a phamolelwa kwa legodimong la boraro, ngwaga ono ke wa lesome le bone. Ga ke itse gore a o ne a le mo mmeleng gongwe kwa ntle ga mmele; go itse Modimo. 3Mme ke itse motho yo o ntseng jalo – ga ke itse gore a o ne a le mo mmeleng gongwe kwa ntle ga mmele; go itse Modimo – 4gore o ne a phamolelwa kwa Parateiseng, a utlwa mafoko a a sa ka keng a bolelwa, a motho o sa letlelelwang go a bua. 5Ke tla ipoka ka ntlha ya yo o ntseng jalo; mme ga nke ke ipoka ka bonna, fa e se ka makoa a me fela. 6Gonne fa nka rata go ipoka, ke tla bo ke se lesilo, ka ke tla bo ke bua boammaaruri. Mme ke a itshwara gore go se nne ope yo o gopolang ka ga me go feta se a se bonang mo go nna gongwe se a se utlwang ka ga me.
7Mme ke ne ka tsenngwa mutlwa mo nameng, e bong moengele wa ga Satane, gore a nkitle ka matswele, e le gore ke se ikgodise ka bogolo jo bo fetisang jwa diponatshego. 8Ke ne ka rapela Morena gararo ka ntlha ya moo gore a ntlogele. 9Mme Morena a nthaya a re: “Bopelotlhomogi jwa me bo go lekanye; gonne thata ya me e bonala ka botlalo mo bokoeng.” Ke gona ka moo bogolo ke tla ipokang ka makoa a me gore thata ya ga Keresete e nne mo go nna. 10Ke ka ntlha ya moo ke itumelelang makoa le ditshotlo le ditlalelo le dipogiso le dipitlagano ka ntlha ya ga Keresete; gonne e a re fa ke le bokoa, e be e le gona ke leng thata.
Go sa ithateleng ga Paulo
11Ke diregile lesilo ka go ipoka; ke lona lo mpateleditseng jalo; gonne ke ne ke tshwanetse go bokwa ke lona. Gonne ga ke tlhaele sepe sa baapostolo ba bagolo, le fa ke se sepe. 12Kana maitshupo a moapostolo a dirilwe mo go lona ka boitshoko jotlhe ka ditshupo le dikgakgamatso le ka ditiro tsa nonofo. 13Kana ke eng se diphuthego tse dingwe di lo fetang ka sona, fa e se fela gore lona ga ke a ka ka lo imetsa ka sepe? Intshwareleng tshiamololo eo!
14Itseng, ke ipaakantse jaanong go tla koo go lona la boraro, mme ga ke ne ke lo imetsa; gonne ga ke batle di-tsa-lona, ke batla lona. Kana ga se tshwanelo gore bana ba phuthele bagolo khumo, mme bagolo ba phuthela bana khumo. 15Mme nna ke tla itumela go ntsha tsotlhe le go intsha ka nosi ka ntlha ya mewa ya lona. Fa nna ke lo rata thata thata, a ke go re, nna ke ratwe sebotlana?
16Mme a go nne jalo, nna ga ke a ka ka lo imetsa; mme ka ke na le maano, ke ne ka lo tseela ka bolotsana. 17A kampo ke ne ka bapala mo go lona ka mongwe wa bone ba ke ba romileng kwa go lona? 18Ke kaetse Tito, ka ba ka roma mokaulengwe nae. A kampo Tito o ne a bapala mo go lona? A ga re a ka ra tsamaya ka mowa o le mongwe fela, ra gata motlhala o le mongwe fela?
Dikaelo tsa bofelo tsa go kaela phuthego le tumediso
19Ga lo bolo go gopola gore re ipuelela mo go lona. Nnyaya, re bua fa pele ga Modimo mo go Keresete; mme baratwi, tsotlhe tseo ke tsa go lo aga. 20Gonne ke boifa gore e ka re fa ke tsile, ka lo fitlhela lo sa nna jaaka ke eletsa, le lona lwa mphitlhela ke ntse jaaka lo sa eletse; ka fitlhela go le kgang le lefufa le dikgakalo le dikganetsanyo le ditshenyomaina le ditshebo le maikgodiso le ditlhakatlhakanyo mo go lona; 21e se re gongwe fa ke sena go tla gape, Modimo wa me wa nkokobetsa mo go lona, mme ka hutsafalela ba le bantsi ba bone ba ba kileng ba leofa, mme ba se ka ba sokologa mo boitshekologong le boakeng le bopepeng, tse ba di dirileng.

Currently Selected:

2 BAKORINTHE 12: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy