YouVersion Logo
Search Icon

2 BAKORINTHE 11

11
Paulo o ipoka ntlheng ya boapostolo jwa gagwe
1E kete lo ka bo lo itshokela bosilo jwa me go le gonnye! Intshokeleng tlhe! 2Kana ke lo tlhoafaletse ka tlhoafalo ya Modimo; gonne ke lo beeletse monna a le mongwe fela gore ke lo ise kwa go Keresete lo le lekgarebe le le itshekileng. 3Mme ke boifa gore maikutlo a lona a ka senyega, a faposiwa mo nneteng le mo boitshekong jwa go ineela Keresete, jaaka noga e kile ya tsietsa Efa ka boferefere jwa yona. 4Gonne e a re fa mongwe a tla, a rera Jesu o sele, yo rona re sa mo rerang, gongwe fa lona lo ka tshola mowa o sele o lo neng lo sa o tshola, gongwe Efangele e sele e lo neng lo sa e amogela, lo mo amogele fela.
5Gonne ke kaya gore ga ke phalwe ke baapostolo bao ka sepe ba ba reng, ba bagolo. 6Le fa ke se setswerere mo go bueng, ntlheng ya kitso ke sona, mme re e lo senoletse gotlhe fa pele ga botlhe.
7A kampo ke dirile boleo ka go ikokobetsa gore lona lo tle lo godisiwe, ka ke lo reretse Efangele ya Modimo kwa ntle ga tuelo? 8Ke thukhuthile diphuthego tse dingwe ka go tsaya tuelo gore ke direle lona. 9E rile ke le fa go lona ke tlhoka, ka se ka ka imetsa ope; gonne go tlhoka ga me go tlositswe ke bakaulengwe ba ba neng ba tswa kwa Maketonia; ke ne ka ithiba mo go tsotlhe gore ke se ka ka imetsa ope, mme ke tla nna ke ithiba. 10Ka boammaaruri jwa ga Keresete jo bo mo go nna, poko eo ka ga me ga e nke e didimadiwa mo dinageng tsa Agaya! 11E le ka ntlhaang? A ke ka gore ga ke lo rate? Moo go itse Modimo.
12Mme se ke se dirang ke tla nna ke se dira, gore bone ba ba batlang lebaka la go fitlhelwa ba tshwana le rona ka tse ba ipokang ka tsona, ke le ba senyetse. 13Gonne batho ba ba ntseng jalo ke baapostolo ba maaka le badiri ba tsietso, ka ba itirile e kete ke baapostolo ba ga Keresete. 14Mme ga se kgakgamatso; gonne ene Satane ka esi o a tle a iphetole go nna moengele wa lesedi e se ene. 15Ke ka moo go sa gakgamatseng, fa le bone batlhanka ba gagwe ba iphetola go nna batlhanka ba tshiamo e se bone, ba bokhutlo jwa bone bo tla nnang ka fa ditirong tsa bone.
16Ke bua gape ka re: A go se nne ope yo o gopolang gore ke lesilo; mme fa lo re jalo, ntsholang he jaaka lesilo, gore le nna ke be ke ipoke go se kae. 17Se ke se buang jaanong ga ke se bue ka fa moweng wa Morena, mme ke ka bosilo, ka gore go a ipokwa. 18E re ka ba bantsi ba ipoka ka fa nameng, le nna ke tla ipoka. 19Gonne lo itshokela masilo ka boitumelo, etswe lo le botlhale. 20Lo itshokela motho, fa a lo dira batlhanka, fa a lo jela, fa a lo golega, fa a ikgodisa, fa a lo itaya mo sefatlhegong. 21Ke bua ka go itlhabisa ditlhong ka re: Tseo di re paletse.
Mme se mongwe o ikgantshang ka sona – ke bua ka bosilo – le nna ke ikgantsha ka sona: 22Ba re: Re Bahebere, le nna ke Mohebere! Ba re: Re Baiseraele, le nna ke Moiseraele! Ba re: Re ba losika lwa ga Aborahame, le nna ke ntse jalo! 23Ba re: Re badiredi ba ga Keresete – ke bua jaaka lesilo – nna ke a ba gaisa; ke ba gaisa ka matsapa le ka dikgolego le ka go boga dipetso mo go fetisang le ka dikotsi tsa loso gantsintsi. 24Ke kgwathisitswe gatlhano ke Bajuta, ba mpetsa dithupa tse di tlhaetseng e le nngwe mo masomeng a le mane. 25Ke beditswe gararo ka dithobane, ka kgobotlediwa gangwe ka majwe, ka dirafalelwa ke thubego ya mokoro gararo, ka tlhola bosigo le letsatsi mo botennye jwa lewatle. 26Ke etile gantsi, ke ne ke le mo dikotsing tsa dinoka le mo dikotsing tsa dinokwane, mo dikotsing tsa ba ga etsho le mo dikotsing tsa baheitane, mo dikotsing mo motseng le mo dikotsing mo sekakeng, mo dikotsing mo lewatleng le mo dikotsing tsa bakaulengwe ba maaka. 27Ke ne ke le mo matsapeng le maitapisong, ke tlhoka boroko gantsi, ke bolawa ke tlala le lenyora, ke itima dijo gantsi, ke bolawa ke serame le go sa apara. 28Kwa ntle ga tse dingwe tse di dirafalang ke etelwa ke ba bantsi ka letsatsi le letsatsi, ke tshwenyegela diphuthego tsotlhe. 29Ke mang yo o ka koafalang, nna ke sa koafale nae? Ke mang yo o ka kgopisiwang, nna ke sa swe pelo?
30Fa go tshwanetse go ipokwa, ke tla ipoka ka tsa bokoa jwa me. 31Modimo, Rra Morena Jesu, o o bokwang ka bosakhutleng, o itse gore ga ke ake. 32Kwa Damaseko kgosana ya kgosi Areta e ne ya disa motse wa Badamaseko gore e ntshware; 33mme ka folosiwa ka seroto ka fenstere e e mo loboteng, ka falola mo diatleng tsa gagwe.

Currently Selected:

2 BAKORINTHE 11: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy