1
PESALEMA 143:10
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
O nthute go dira go rata ga gago; gonne o Modimo wa me; mowa wa gago o molemo; o nkgoge mo lefatsheng la thokgamo.
Compare
Explore PESALEMA 143:10
2
PESALEMA 143:8
Nkutlwisa bopelonomi jwa gago jwa lorato mo mosong; gonne ke ikanya mo go wena; nkitsise tsela e ke tshwanetseng go tsamaya mo go yone; gonne ke tsholeletsa mowa wa me koo go wena.
Explore PESALEMA 143:8
3
PESALEMA 143:9
Jehofa, nkgolola mo babeng ba me; ke tshabela koo go wena gore o mphitlhe.
Explore PESALEMA 143:9
4
PESALEMA 143:11
Ntsitsibosa, Jehofa, ka ntlha ya leina la gago; mo tshiamong ya gago o ntshe mowa wa me mo tlalelong.
Explore PESALEMA 143:11
5
PESALEMA 143:1
Utlwa morapelo wa me Jehofa; sekegela mekokotlelo ya me tsebe; o nkarabe mo boikanngong jwa gago, le mo tshiamong ya gago.
Explore PESALEMA 143:1
6
PESALEMA 143:7
Jehofa, akofa o nkarabe; mowa wa me o a fela; se mphitlhele sefatlhogo sa gago; nka tla ka nna jaaka ba ba fologelang mo moleteng.
Explore PESALEMA 143:7
7
PESALEMA 143:5
Ke gakologelwa metlha ya bogologolo; ke akanya go dira ga gago; ke tlhatlhanya ditiro tsa diatla tsa gago.
Explore PESALEMA 143:5