1
PESALEMA 142:5
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
Ke ne ka tlhaeleletsa koo go wena, Jehofa, ka re: “O botshabelo jwa me, le kabelo ya me, mo lefatsheng la batshedi.”
Compare
Explore PESALEMA 142:5
2
PESALEMA 142:7
Ntsha mowa wa me mo ntlong ya kgolegelo, gore ke ntshetse leina la gago malebogo; basiami ba tlaa ntikanyeletsa; gonne o tlaa ntirela sentle ka pelo mo go feteletseng.
Explore PESALEMA 142:7
3
PESALEMA 142:3
E rile mowa wa me o phikame mo teng ga me, wa bo o itse tsela ya me fela. Mo tseleng e ke tsamayang mo go yone ba ntshubetse mutlwane.
Explore PESALEMA 142:3
4
PESALEMA 142:1
Ke tlhaeleletsa kwa go Jehofa ka lentswe la me; ke isa mokokotlelo kwa go Jehofa ka lentswe la me.
Explore PESALEMA 142:1
5
PESALEMA 142:6
Ela go goa ga me tlhoko, gonne ke ngotlilwe thata; nkgolola mo babogising ba me; gonne ba thata bogolo go nna.
Explore PESALEMA 142:6