1
DIANE 12:25
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
Boimelesego mo pelong ya motho bo tle bo e inamise, mme lefoko le le molemo le e ipedise.
Compare
Explore DIANE 12:25
2
DIANE 12:1
Le fa e le mang yo o ratang thuto o rata kitso, mme yo o ilang kgalemelo o seholofolo fela.
Explore DIANE 12:1
3
DIANE 12:18
Go na le go bua ka kgakgabuelo jaaka ditlhabo tsa putlela, mme loleme lwa motho yo o botlhale ke phodiso.
Explore DIANE 12:18
4
DIANE 12:15
Tsela ya lesilo e siame mo matlhong a lone, mme yo o botlhale o tle a reetse kgakololo.
Explore DIANE 12:15
5
DIANE 12:16
Go kgoberega ga lesilo go itsiwe ka bonako, mme motho yo o ikgapang o fitlha ditlhong.
Explore DIANE 12:16
6
DIANE 12:4
Mosadi yo o mokgwa montle o o iphaphileng ke serwalo sa tlhogo mo monneng wa gagwe, mme yo o tlhabisang ditlhong o ntse jaaka sebodu mo marapong a gagwe.
Explore DIANE 12:4
7
DIANE 12:22
Dipounama tse di akang ke sefedisa pelo mo go Jehofa, mme ba ba dirang ka boammaaruri ba a mo natefela.
Explore DIANE 12:22
8
DIANE 12:26
Mosiami ke mokayatsela mo go wa ga gabo, mme tsela ya baikepi e a ba timetsa.
Explore DIANE 12:26
9
DIANE 12:19
Pounama ya boammaaruri e tlaa tlhomama ka bosakhutleng, mme loleme lo lo akang lo ema ka ponyo ya leitlho fela.
Explore DIANE 12:19