1
DIANE 11:25
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
Motho yo o fang ka pelontle o tlaa nontshiwa, le yo o nosang le ene ka esi o tlaa nosiwa.
Compare
Explore DIANE 11:25
2
DIANE 11:24
Go na le mo go gasegang, mme go totafale bogolo, mme go bile go na le gonoga bogolo go tshwanelo, mme go ise lehumeng fela.
Explore DIANE 11:24
3
DIANE 11:2
E re fa boikgodiso bo tla, foo go tle ditlhong, mme botlhale bo nna le yo o ikgobalatsang.
Explore DIANE 11:2
4
DIANE 11:14
Kwa go se nang kgogo ya botlhale gone, batho ba a wa, mme mo bontsing jwa bagakolodi go nne le polokego.
Explore DIANE 11:14
5
DIANE 11:30
Loungo lwa mosiami ke setlhare sa botshelo, mme le yo o botlhale o tle a gape mewa ya batho.
Explore DIANE 11:30
6
DIANE 11:13
Yo o tsamayatsamayang e le mosebi o senola maoma, mme yo o mowa wa boikanngo o a a loba.
Explore DIANE 11:13
7
DIANE 11:17
Motho yo o boutlwelobotlhoko o itirela mowa wa gagwe molemo, mme yo o selalome o itshwenya nama ya gagwe.
Explore DIANE 11:17
8
DIANE 11:28
Yo o ikanyang khumo ya gagwe o tlaa wa, mme mosiami o tlaa kgaba jaaka lekakaba le letala.
Explore DIANE 11:28
9
DIANE 11:4
Dikhumo ga di thuse sepe mo tsatsing la bogale, mme tshiamo e golola mo losong.
Explore DIANE 11:4
10
DIANE 11:3
Botlhoka molato jwa bathokgami bo tlaa ba goga, mme lesoko la ba ba bongowane le tlaa ba senya.
Explore DIANE 11:3
11
DIANE 11:22
Jaaka lenyena la gouta mo nkong ya kolobe, mosadi yo montle, yo o se nang pharologanyo, o ntse fela jalo.
Explore DIANE 11:22
12
DIANE 11:1
Selekanyo sa pego se se tsietsang ke se se makgapha mo go Jehofa, mme sebokete se se lekanyeng se a mo natefela.
Explore DIANE 11:1