1
DIANE 13:20
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
Tsamaya le batho ba ba botlhale, mme o tlaa nna botlhale, mme monkana wa dieleele o tlaa utlwisiwa botlhoko ke gone.
Compare
Explore DIANE 13:20
2
DIANE 13:3
Yo o dibelang molomo wa gagwe o ipolokela botshelo, mme yo o atlhamolosang dipounama tsa gagwe thata o tlaa bona tshenyego.
Explore DIANE 13:3
3
DIANE 13:24
Yo o rekegelang thupa o ila morwawe, mme yo o mo ratang o tle a mo watlhae go sa le gale.
Explore DIANE 13:24
4
DIANE 13:12
Tsholofelo e e diegisiwang e tle e ngodise pelo, mme motlhang seeletso se tlang e be e le setlhare sa botshelo.
Explore DIANE 13:12
5
DIANE 13:6
Tshiamo e dibela ene yo o thokgameng mo tseleng, mme boikepo bo ribegetsa moleofi.
Explore DIANE 13:6
6
DIANE 13:11
Khumo e e bonyweng ka boithamako e tlaa ngotlafadiwa, mme yo o phuthang ka go dira ka mabogo o tlaa totelwa.
Explore DIANE 13:11
7
DIANE 13:10
Go tla komano fela ka boikgodiso, mo go yo o amogetseng kgakololo sentle go na le botlhale.
Explore DIANE 13:10
8
DIANE 13:22
Motho yo o molemo o tlogelela bana ba gagwe boswa, mme khumo ya moleofi e beetswe basiami.
Explore DIANE 13:22
9
DIANE 13:1
Ngwana wa mosimane yo o botlhale o utlwa thuto ya ga rraagwe, mme mosotli ga a utlwe kgalemelo.
Explore DIANE 13:1
10
DIANE 13:18
Khumanego le ditlhong di tlaa nna kwa go yo o ganang thuto, mme yo o elang kgalemelo tlhoko o tla tlotlwa.
Explore DIANE 13:18