1
MATHAIO 27:46
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
Ya re e ka ne e le ka nako ya boraro maitseboa, Jesu a goa ka lentswe le legolo a re: “Eli, Eli, lama sabakathani?” Ke go re: “Modimo wa me, Modimo wa me, o ntatlhetseng?”
Compare
Explore MATHAIO 27:46
2
MATHAIO 27:51-52
Mme bonang, sesiro sa tempele sa gagoga ka bogare, go simolola kwa godimo go ya kwa tlase; le lefatshe la roroma; le mafika a phatloga; le diphupu tsa atlhamologa; le mebele e le mentsi ya baitshepi ba ba neng ba robetse ya tsosiwa.
Explore MATHAIO 27:51-52
3
MATHAIO 27:50
Mme Jesu a ba a goa gape ka lentswe le legolo, mme a neela mowa.
Explore MATHAIO 27:50
4
MATHAIO 27:54
Mme jaana, molaodi wa mophato le ba o lebeletseng Jesu nabo, ba re ba bona thoromo ya lefatshe, le dilo tse di dirafetseng, ba boifa thata, ba re: “Ruri yo e ne e le Morwa Modimo.”
Explore MATHAIO 27:54
5
MATHAIO 27:45
Jaana go tswa nakong ya motshegare o mogolo go ya nakong ya boraro maitseboa, lefifi la khurumetsa lefatshe lotlhe.
Explore MATHAIO 27:45
6
MATHAIO 27:22-23
Pilato a ba raya a re: “Mme foo, Jesu yo o bidiwang Keresete ke tlaa mo reng?” Botlhe fela ba re: “A a bapolwe.” A re: “Ka ntlha yang? O dirile bosula bofe?” Ba tshelela lošalaba godimo thata ba re: “A a bapolwe.”
Explore MATHAIO 27:22-23
Home
Bible
Plans
Videos