Mme e rile ba sena go phuthega le bagolwane, ba gakololanye, ba naya batlhabani madi a le mantsi thata, ba re: “Lo tle lo re: ‘Barutwa ba gagwe ba tsile bosigo ba mo utswa re robetse.’ E tlaa re fa selo se se ka fitlha mo ditsebeng tsa molaodi, ene re tlaa mo kgona, le lona re lo sireletse.”
Jalo ba amogela madi, ba dira jaaka ba rutilwe; mme polelo e, ya tumisiwa mo Bajuteng, le gompieno e sa ntse e le teng.