1
MATHAIO 26:41
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
Lebelelang, lo rapele, gore lo se tsene mo thaelong; mowa one o tlhaga, mme nama e bokoa.”
Compare
Explore MATHAIO 26:41
2
MATHAIO 26:38
Foo a ba raya a re: “Mowa wa me o hutsafetse thata, e le mo go isang losong fela; nnang fa, lo lebelele le nna.”
Explore MATHAIO 26:38
3
MATHAIO 26:39
Mme a ya fa pelenyana, a wela ka sefatlhogo fa fatshe, a rapela a re: “Rra we, fa go ka nna jalo, a senwelo se, se mphete, le fa go ntse jalo, e seng ka fa go rateng ga me, e leng ka fa go rateng ga gago.”
Explore MATHAIO 26:39
4
MATHAIO 26:28
gonne se ke madi a me a kgolagano e ntšha, a a tshololelwang ba le bantsi go tla ba itshwarelwa dibe.
Explore MATHAIO 26:28
5
MATHAIO 26:26
Ya re ba sa ja, Jesu a tsaya senkgwe, a se segofatsa, a se ngathoganya; a se naya barutwa a re: “Tsayang lo je; se ke mmele wa me.”
Explore MATHAIO 26:26
6
MATHAIO 26:27
Mme a tsaya senwelo, a leboga, a se ba naya a re: “Nwang lotlhe ga sone
Explore MATHAIO 26:27
7
MATHAIO 26:40
A tla barutweng, a ba fitlhela ba robetse, mme a raya Petere, a re: “Ao! A lo ne lo sa ka ke lwa lebelela le nna ka lobakanyana fela?
Explore MATHAIO 26:40
8
MATHAIO 26:29
Ke a lo raya: Ga nketla ke tlhola ke nwa loungo lo lwa mofine, go tle go tsamaye go fitlhe letsatsi le ke tlaa lo nwang lo le loša le lona ka lone, mo bogosing jwa ga Rre.”
Explore MATHAIO 26:29
9
MATHAIO 26:75
Mme Petere a gakologelwa lefoko le Jesu o le buileng a re: “E tlaa re koko e tona e ise e lele, o tlaa bo o intatotse gararo.” Mme a tswela kwa ntle, a lela mo go botlhoko.
Explore MATHAIO 26:75
10
MATHAIO 26:46
Tsogang re tsamayeng; bonang, yo o nkokang o gaufi.”
Explore MATHAIO 26:46
11
MATHAIO 26:52
Foo Jesu a mo raya a re: “Ba o somele tšhaka ya gago mo bonnong jwa yone; gonne botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tlaa nyelela ka tšhaka.
Explore MATHAIO 26:52
Home
Bible
Plans
Videos