Tshwetso e Kgolo go Gaisa Tsotlhe ya Botshelo Jwa Gago!预览

Tshwetso e Kgolo go Gaisa Tsotlhe ya Botshelo Jwa Gago!

6天中的第6天

Se re Ka se Akanyang fa re Konela

Fa e le gore ga o ise o ko o amogele Jesu mo botshelong jwa gago, kana fa e le gore o kile wa mo amogela ka nako nngwe, mme o sa tlhole o tshelela Ene, o ka mo direla maikano a masha GOMPIENO ka go rapela thapelo e e motlhofo go tswa mo pelong ya gago. Thapelo eo e ka nna ya tshwana le eno,

"Jesu, ke a itse gore ke moleofi, mme ke wena fela o ka nkgololang mo kotlhaong ya boleo. Ke go kopa gore o tsene mo botshelong jwa me mme o ntlhatswe dibe tsotlhe tsa me. Nthuse gore ke tshelele wena mo karolong nngwe le nngwe ya botshelo jwa me, letsatsi lengwe le lengwe la botshelo jwa me. Ke leboga go bo o tsene mo botshelong jwa me le go nkgolola!"

Fa e le gore o rapetse thapelo eo ka tlhoafalo, o dumela gore Jesu o tla dira se a rileng o tla se dira, o sa tswa go amogela poloko, mme o fetotse boikaelelo jwa gago jwa go tshelela ruri gore o nne le Ene ka bosakhutleng! Ke a lo akgola!

Fa e le gore o dirile tshwetso ya go sala Keresete morago, re ka rata go utlwa go tswa mo go wena, le go go naya diboledi tse dingwe tse di tla go thusang mo loetong lwa gago le lesha. Tsweetswee tlhopha se o se bonang fa tlase fano:

Ke Dirile Tshwetso ya go Sala Keresete Morago!

读经计划介绍

Tshwetso e Kgolo go Gaisa Tsotlhe ya Botshelo Jwa Gago!

Ditshwetso di le dintsi mo botshelong di na le bokao bongwe. Le fa go ntse jalo, go na le e le nngwe fela e e botlhokwa thata. Fa e le gore o batla kaelo e e motlhofo ya go tlhaloganya tshwetso eno e e sa tlwaelegang ka tsela e e boteng - mpho ya Modimo ya mahala ya poloko - simolola fano.

More