Tshwetso e Kgolo go Gaisa Tsotlhe ya Botshelo Jwa Gago!预览

Kolobetso ya Metsi: Go Bolela Phatlalatsa ka Botshelo jo bo Fetogileng
Kolobetso ya mo metsing ke tsela e e botlhokwa ya go bolela poloko ya gago phatlalatsa. Kolobetso ya mo metsing e keteka go khutla ga tsela ya bogologolo ya botshelo le go simologa ga e ntšha. Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe botlhokwa jwa go kolobediwa mo metsing pele ga a tlhatlogela kwa legodimong morago ga tsogo ya gagwe. O ne a re,
"Ka moo tsamayaang lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la Mowa o o Boitshepo." Matheo 28:19
Mo Tesetamenteng e Ntšha yotlhe, go na le dipolelo di le dintsi tsa badumedi ba ba neng ba kolobediwa. Kolobetso ya mo metsing e na le bokao jo bogolo mo go yo o kolobediwang le mo go ba ba lebileng. Kolobetso ya mo metsing e tshwantshetsa phatlalatsa: go khutla ga tsela ya gago ya pele ya botshelo ka go nwediwa mo metsing; go simolola ga botshelo jwa gago jo bosha mo go Keresete ka go tswa mo metsing o ntlafaditswe, o itshekisitswe le go nna sebopiwa se sesha mo Modimong.
Luka 3:3 e tlhalosa kolobetso ya metsi jaaka "kolobetso ya boikwatlhao", mme e gatelela botlhokwa jwa go bolela phatlalatsa gore re tlogetse tsela ya rona ya pele ya botshelo le boleo. Le mororo kolobetso ya metsi e sa re boloke kana e sa bipe boleo jwa rona, e emela karolo e e botlhokwa thata ya botshelo jwa rona jwa Bokeresete - go bolela gore o sebopiwa se sesha, botshelo jo bo fetogileng! Fa e le gore go kile ga nna le mongwe yo o neng a sa tlhoke go bolela seno, e ne e le Jesu, yo o neng a tshela botshelo jo bo senang boleo mono mo lefatsheng. Mme Luka 3:21 ya re,
"Ya re batho botlhe ba kolobediwa, Jesu le ene o ne a kolobediwa." Luka 3:21
Jesu o ne a kolobediwa gore re tle re latele sekao sa Gagwe. Botlhokwa jwa go kolobediwa mo metsing bo ka se ka jwa gatelelwa thata. Fa e le gore ga o ise o kolobediwe mo metsing, o tshwanetse go akanyetsa go dira gore kolobetso ya mo metsing e nne selo se se tlang pele. Bibela e re laela gore re bolele poloko ya rona phatlalatsa, mme dikereke tse dintsi tse di dumelang Bibela di neela batho ditshono di le dintsi tsa go kolobediwa mo metsing. Go latela sekao sa ga Jesu ka metlha go a thusa. Modimo o tla go segofatsa le go go duela ka tsela e e humileng ka ntlha ya go ikanyega ga gago le go mo ikobela!
读经计划介绍

Ditshwetso di le dintsi mo botshelong di na le bokao bongwe. Le fa go ntse jalo, go na le e le nngwe fela e e botlhokwa thata. Fa e le gore o batla kaelo e e motlhofo ya go tlhaloganya tshwetso eno e e sa tlwaelegang ka tsela e e boteng - mpho ya Modimo ya mahala ya poloko - simolola fano.
More