Tshwetso e Kgolo go Gaisa Tsotlhe ya Botshelo Jwa Gago!预览

A Modimo o tshwanetse go go letlelela go tsena kwa Legodimong?
Akanya fela ka nakwana gore nako ya gago mo lefatsheng leno e ne e fedile ka tsela e o neng o sa e lebelela. O iphitlhela o eme fa pele ga Mmopi wa gago ka kgakgamalo e kgolo. Fa tlhakatlhakano ya gago le poifo di fetoga go nna tebelelo le boitumelo jwa gore kgabagare o tla bona legae la gago la bosakhutleng, ka tshoganetso o emisiwa pele ga o tsena. Modimo o go botsa potso eno e e dirang gore o akanye, "Ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go go letla go tsena kwa legodimong?"
O ne o tla araba o reng?
Ka lesego, fa letsatsi leo le legolo le le le molemolemo le tla mo go mongwe le mongwe wa rona, Modimo ga a kitla a re kopa gore re fetse teko nngwe pele ga re tsena. Le fa go ntse jalo, tiragalo eno e re naya setshwantsho se se botlhokwa se se dirang gore re akanye se se diretsweng go re thusa go tlhaloganya poloko botoka.
Bangwe ba ka nna ba araba potso ya Modimo ka go umaka dilo tse di molemo tse ba di dirileng. Ba bangwe ba ne ba ka tlhalosa kafa ba neng ba nna ba ya kerekeng ka teng, mme ba bangwe ba ne ba ka bolela dilo tsotlhe tse di bosula tse ba neng ba di tila mo botshelong. Le mororo tseno e le dilo tse di botlhokwa mo botshelong jwa Mokeresete mongwe le mongwe, ga di tlhomamise gore o tla bolokwa. Go na le karabo e le nngwe fela e e siameng ya potso eno:
"Ke dirile Jesu Keresete Morena wa botshelo jwa me, mme O ntlafaditse mo dibeng tsotlhe tsa me."
读经计划介绍

Ditshwetso di le dintsi mo botshelong di na le bokao bongwe. Le fa go ntse jalo, go na le e le nngwe fela e e botlhokwa thata. Fa e le gore o batla kaelo e e motlhofo ya go tlhaloganya tshwetso eno e e sa tlwaelegang ka tsela e e boteng - mpho ya Modimo ya mahala ya poloko - simolola fano.
More