Tshwetso e Kgolo go Gaisa Tsotlhe ya Botshelo Jwa Gago!预览

Tshwetso e Kgolo go Gaisa Tsotlhe ya Botshelo Jwa Gago!

6天中的第3天

Rotlhe re Tlhoka Mmoloki

Fa Modimo a ne a bopa Adame le Efa, o ne a ba dira ba se na boleo e bile ba na le kamano e e itekanetseng le Ene. Fa ba ne ba tlola taolo ya Modimo e e mo kgaolong ya boraro ya Genesise, ba ne ba tlisa boleo mo matshelong a bone, le mo bathong botlhe. Baroma 3:23 e tlhalosa ditlamorago tse dikgolo tsa tshwetso ya ga Adame le Efa.

"gonne botlhe ba leofile, ba tlhokile tlotlo fa pele ga Modimo." Baroma 3:23

Ga go na ope yo o se nang boleo le diphelelo tsa jone; mongwe le mongwe wa rona o molato. Ka ntlha ya seo, rotlhe re kgaogane le Modimo. Boleo jwa rona gape bo felela ka ditlamorago tse di nnelang ruri.

"Ka mogolo wa boleo e le loso." Baroma 6:23a

Ka ntlha ya tshwetso ya ga Adame le Efa ya go se utlwe Modimo, loso lo ne lwa nna selo se se ka se kang sa tilwa mo go bone le mo ditlogolwaneng tsotlhe tsa bone (losika lwa batho); ka tsela ya senama le ya semowa . Fa ba sena go palelwa, Modimo o ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso: a ke a letle boleo gore bo laole batho, mme seo se felele ka gore batho ba nyelele, kana a ke a ba neye tsela ya go boloka batho mo maatleng a boleo. Se se itumedisang ke gore Modimo o ne a bontsha lorato lwa Gagwe le bopelonomi jwa Gagwe jo bogolo ka go re naya tsela ya go re boloka ka Morwawe.

"Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalo, mo o bileng wa le neela Morwaa-ona yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a latlhega, mme a nne le bophelo jo bo sa khutleng." Johane 3:16

"... mme neo ya bopelotlhomogi ya Modimo ke bophelo jo bo sa khutleng jo bo bonwang mo go Keresete Jesu, Morena wa rona." Baroma 6:23b

Kwantle ga Jesu Keresete, batho botlhe ba atlholetswe go swa ka tsela ya senama le ka tsela ya semowa ; ga go na ope yo o sa sweng. Mme mo go rona ba re leng mo go Keresete, loso lwa nama lo sa ntse lo re emetse, mme loso lwa semowa (dihele) lone ga lo a re emela. Go na le moo, re letetswe ke botshelo jo bo sa khutleng kwa Legodimong fa re sena go tswa mo lefatsheng leno. Ka setlhabelo se se itekanetseng sa ga Jesu Keresete le go tsosiwa ga Gagwe mo baswing, re falola kotlhao ya semowa ya boleo!

读经计划介绍

Tshwetso e Kgolo go Gaisa Tsotlhe ya Botshelo Jwa Gago!

Ditshwetso di le dintsi mo botshelong di na le bokao bongwe. Le fa go ntse jalo, go na le e le nngwe fela e e botlhokwa thata. Fa e le gore o batla kaelo e e motlhofo ya go tlhaloganya tshwetso eno e e sa tlwaelegang ka tsela e e boteng - mpho ya Modimo ya mahala ya poloko - simolola fano.

More