Tshwetso e Kgolo go Gaisa Tsotlhe ya Botshelo Jwa Gago!预览

Modimo O go Bopile O Akantse ka Bosakhutleng
Fa Modimo a ne a re bopa, o ne a na le sengwe se se fetang fela thulaganyo ya dingwaga di le 70 kana 80 ya go nna gone ga rona. O na le boikaelelo jo bo rileng ka botshelo jwa mongwe le mongwe wa rona. Leano la gagwe le akaretsa botshelo jwa rona jwa mo lefatsheng, le jwa rona jwa selegodimo (kana jo bo sa khutleng). Jakobe 4:14 e tlhalosa pharologano e e leng teng fa gare ga dikarolo tseno tse pedi tsa botshelo jwa rona. E re,
"Lona ba lo sa itseng tsa kamoso, botshelo jwa lona ke eng? Kana lo mouwane fela o o a tleng o bonale ka sebakanyana fela, o tloge, o nyelele." Jakobo 4:14
A o kile wa utlwa seane se se reng, "Botshelo bo bokhutshwane". Fa go lejwa ka bosakhutleng, go ntse jalo! Baebele ya re,
"... mme go tla dirafala jaaka batho ba beetswe go swa gangwe fela, mme go tla katlholo morago ga moo." Bahebere 9:27
Rotlhe re tla swa. Mme lefa go ntse jalo loso lwa mmele ke fela go fedisiwa ga mmele wa rona wa nama, eseng mowa wa rona. Mowa wa rona, kana go nna gone ga rona re ntse re itse se se diragalang mo mmeleng wa rona, ke ga bosakhutleng. Mowa wa rona o tla nna ka bosakhutleng mo go nngwe ya mafelo ano a mabedi morago ga loso lwa rona lwa mmele: Legodimo kana Dihele.
Legodimo ke paradaise e e sa khutleng e Modimo a nnang mo go yone.
Dihele ke go kgaogana gotlhelele le Modimo.
Go tsholwa ga rona ka tsela ya tlholego mo lefatsheng leno e ne e se fela tshimologo ya botshelo jwa rona jwa nakwana, jwa senama mo lefatsheng, mme gape e ne e le tshimologo ya botshelo jwa rona jwa semowa mo lefatsheng leno le go ya go ile. Ka jalo, ka ntlha ya bosakhutleng, bangwe ba ka nna ba tsaya gore botshelo jwa rona jwa mo lefatsheng ga bo na mosola, mme seno ga se boammaaruri. Tsholofelo ya gago ya go tshelela ruri tota e laolwa ke ditshwetso tse o di dirang mo nakong ya fa o le mo lefatsheng; sa botlhokwa le go feta, ke tshwetso ya go dira Jesu Keresete Morena wa botshelo jwa gago. Poloko e teng mo go rona rotlhe ka Jesu Keresete, mme ke ka Ene fela re ka fetolang phelelo ya rona go tswa go tshelela ruri re kgaogane le Modimo, go ya go tshelela ruri le Modimo kwa Legodimong. Jesu o ne a re:
"Ke nna tsela le boammaaruri le bophelo; ga go ope yo o ka fitlhang kwa go Rara fa e se ka nna" Johane 14:6
Ditshwetso tse re di dirang mo botshelong jwa rona jwa mo lefatsheng di botlhokwa ka mabaka a mangwe gape. Tsela e re tshelang ka yone jaaka badumedi e ka ama isagwe ya bosakhutleng ya ba bangwe ba ba iseng ba itse Jesu Keresete e le Mmoloki wa bone. Letsatsi le letsatsi, batho ba ba re dikologileng ba bona sekao sa rona sa go tshelela Keresete. Jaaka Bakeresete, Modimo o dirisa mongwe le mongwe wa rona go tlisa legodimo mo bathong ba ba re dikologileng ba ba iseng ba mo itse. Jesu o ne a re:
"Lona lo lesedi la lefatshe...A lesedi la lona le bonagale go batho jalo gore ba bone ditiro tsa lona tse di siameng, ba tle ba galaletse Rraalona yo o kwa magodimong." Matheo 5:14-16
读经计划介绍

Ditshwetso di le dintsi mo botshelong di na le bokao bongwe. Le fa go ntse jalo, go na le e le nngwe fela e e botlhokwa thata. Fa e le gore o batla kaelo e e motlhofo ya go tlhaloganya tshwetso eno e e sa tlwaelegang ka tsela e e boteng - mpho ya Modimo ya mahala ya poloko - simolola fano.
More