Tshwetso e Kgolo go Gaisa Tsotlhe ya Botshelo Jwa Gago!预览

Tshwetso e Kgolo go Gaisa Tsotlhe ya Botshelo Jwa Gago!

6天中的第4天

Pholoso: Karolo ya Modimo le Karolo ya Gago

Pholoso ya gago e akaretsa ditshwetso tse pedi tsa botlhokwa. Tshwetso ya ntlha ke e Modimo a neng a e dira bogologolo go romela Morwawe mo lefatsheng gore e nne ene fela Mmoloki wa rona. Sa bobedi ke tshwetso ya gago ya go amogela Morwawe jaaka Mmoloki wa gago.

"Gonne lo pholositswe ka boitshwarelo ka tumelo; mme ga go tswe mo go lona, ke neo ya Modimo. Ga se ka ditiro, gore go se nne ope yo o ipokang." Baefeso 2:8-9

MOHAU o tlhalosiwa e le bopelonomi jo bo sa tshwanelang. Modimo o na le seabe mo go bolokeng batho ka ntlha ya bopelotlhomogi jwa gagwe, mme o ba bontsha kamogelo ya gagwe ka go ba naya mpho ya mmatota, Jesu Keresete. Ka sefapaano, Jesu o ne a duela tuelo e e feletseng ya maleo a rona. Mme ka Jesu, yo e leng bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo, ga go tlhokege gore re dire ditiro dipe tse di molemo, kana re ka kgona go di duela. Ga re ka ke ra berekela poloko; ke mpho ya mahala e e ka bonwang ke botlhe, e e sa tlhokeng gore re duele sepe.

TUMELO e tlhalosiwa e le bosupi jwa gore sengwe se teng le fa gone re sa kgone go se bona kgotsa go se ama. Tumelo e a tlhokega gore re bone poloko, mme ka tumelo, re tlhopha go neela Modimo matshelo a rona ka go dira Jesu Morena wa botshelo jwa rona. E re ka o amogetse bopelonomi jwa Modimo ka tumelo ka Jesu Keresete, ga go na pelaelo gore o laoletswe go tshelela ruri le Modimo kwa legodimong. O ka tlhomamisega ka seo ka diperesente di le 100!

Le mororo ditiro tse di molemo di ka se ka tsa dira gore re bolokwe, di na le seabe sa botlhokwa mo go tsheleng botshelo jwa rona jwa Bokeresete fa re sena go amogela Jesu.

"Gonne re tiro ya ona, re tlholetswe ditiro tse di molemo mo go Keresete Jesu, tse Modimo o di etleeditseng pele gore re tsamae mo go tsona." Baefeso 2:10

Modimo o na le boikaelelo jo bo rileng ka botshelo jwa mongwe le mongwe wa rona, jo bontsi jwa dintlha tsa jone e leng kgang ya gago le Ene. Mme Modimo o na le boikaelelo jo bo tshwanang ka bana ba Gagwe botlhe, mme ke gore re bontshe tumelo ya rona ka go dira ditiro tse di molemo. Fa re dira jalo, re diragatsa karolo e e botlhokwa ya boikaelelo jwa Modimo ka matshelo a rona, e bile re na le tshiamelo ya go bontsha ba bangwe lorato lwa Gagwe. Poloko ke tshimologo e ntšha le bokhutlo mme ke lebaka la go keteka. O sebopiwa se sesha, o fetogetse ruri!

读经计划介绍

Tshwetso e Kgolo go Gaisa Tsotlhe ya Botshelo Jwa Gago!

Ditshwetso di le dintsi mo botshelong di na le bokao bongwe. Le fa go ntse jalo, go na le e le nngwe fela e e botlhokwa thata. Fa e le gore o batla kaelo e e motlhofo ya go tlhaloganya tshwetso eno e e sa tlwaelegang ka tsela e e boteng - mpho ya Modimo ya mahala ya poloko - simolola fano.

More