YouVersion Logo
Search Icon

EsetereSample

Esetere

DAY 3 OF 4

Go ya kwa kgosing e sa go bitsa ke katlholo ya loso, mme kgosigadi Esetere o ne a sa tswa go baya botshelo jwa gagwe mo diatleng tsa kgosi. Ene le Bajuta ba bangwe ba ne ba tla bolawa fa e le gore kgosi e ne e ka se supe kutlwelobotlhoko mo go Esetere le go mo naya tshono ya go fetola molao wa go bolaya batho o o neng o kwadilwe ke Hamane . Mme go farologana le se a neng a se boifa, ene ga a swe. Go na le moo, kgosi e solofetsang Esetere gore o tla mo naya le fa e ka nna bontlhanngwe jwa puso ya gagwe. Ke selo sa ntlha mo go tse dintsi tse di tshegisang tse di diragalang morago ga gore se se neng se solofetswe se fetoge.

Selo se se latelang sa dingwe tseo di fetogileng ke gore Esetere o kopa go direla kgosi le Hamane mokete go na le gore a kope matshelo a morafe wa gagwe. Esetere o tshelela kgosi ya gagwe le Hamane weine a bo a ba laletsa gore ba tle go ja gape le kamoso. Fa Hamane a tswa kwa moletlong o bona Moretogai, yo o ganang go mo khubamela. Hamane o ne a laola bogale jwa gagwe a itshwara mme a fitlha kwa gae. O lebala Moretogai fa a ntse a ikgantsha mo ditsaleng le ba lelapa la gaagwe ka go nna lesego, go nna le taolo le go lalediwa ga gagwe kwa moletlong wa kgosigadi. Mme bogale jwa gagwe bo a tswa mme mosadi wa gagwe o akantsha gore Hamane a bolaye Moretogai ka go mo pega mo koteng ya mabogo a le 75. E ne e le kota e kgolo e e lekanang le boikgodiso jwa ga Hamane, ka jalo ka tlholego leano leno le ne la itumedisa Hamane. Le fa go le jalo, go na le phetogo e nngwe gape e e tlang.

Ahasewerose ga a kgone go robala mme a laela gore go badiwewe lokwalo lwa segopotso lwa ditiragalo tsa malatsi. Fa lokwalo lo ntse lo balwa, Ahasewerose a lemoga gore Moretogai o kile a pholosa botshelo jwa gagwe mme ga a ise a ko a direlwe moletlo o o tshwanetseng go lebogiwa ka seo. Hamane o tsena mo phaposing a ipaakanyeditse go bolaya Moretogai fa Ahasewerose ene a ipaakanyeditse go mo leboga le go mogodisa. Ahasewerose a botsa Hamane gore Monna yo kgosi e ratang go mo tlotla o ka direlwang. E re ka Hamane a ne a itse e le ene fela yo mogolo, o ne a bua ka tlotlo le moletlo mongwe le mongwe o a neng a ka o eletsa. E re ka Ahasewerose a ne a kgatlhilwe thata ke kakanyo ya ga Hamane, o ne a mo laela gore a diragatse maano ao otlhe a gagwe a direle go keteka Moretogai, monna yo a neng a ikaeletse go mo bolaya. Se se gakgamatsang ke gore leina la ga Hamane le kaya "yo o ketikiwang". Mme mo nakong eo Hamane yo o itsegeng o patelesega go keteka monna yo o neng a gana go mo keteka. Leina la ga Hamane le tlontlolotswe mme mosadi wa gagwe o tlhaloganyang seno e le sesupo sa se se tla diragalang. Mosadi yo o tlholheleditseng Hamane gore a bolaye Moretogai mo koteng jaanong o bolelela pele gore Hamane o tla kokotelwa mo go yona kota eo ya gagwe.

Ka o ne Motsotso yoo, Hamane o lalediwa kwa moketeng wa bobedi. Mme Esetere ka nako eo a tlhagisa, la ntlha, gore ke Mojuta, mo go rayang gore Hamane o logile leano la go bolaya kgosigadi ya ga Ahasewerose. Hamane o kopela botshelo jwa gagwe, mme Ahasewerose o tsaya gore kopo ya ga Hamane ke tsela ya go mo tlhasela. O laela gore Hamane a bolawe ka nako eo mo koteng e a e agetseng Moretogai.

Modimo ga a ke a umakiwa mo bogosing jwa boheitane jwa ga Ahasewerose. Go na le moo, re neilwe tshiamiso e e nang le mafoko a poko mo e leng gore go tla bo go sa utlwale go swetsa ka gore ga go na mmoki ope wa boModimo. Mo nakong e "yo o ketikiwang" o ne a akanya gore o tla godisiwa, o ne a gapelesega go keteka mmaba wa gagwe; moletlo o Hamane a neng a akanya gore o bontsha maemo a gagwe a a kwa godimo e ne e le go wa ga gagwe; kopo ya gagwe e ne yatsewa e le go tlhasela, mme kota e a neng a akanya gore e tla tlotlomatsa seriti sa gagwe se se senyegileng e ne e le go tlhabisa leina la gagwe ditlhong mo pele ga batho. Modimo ke mokwadi wa hisitori yo o tshegisang, mme o kwala hisitori ka tsela e e dirang gore bosula jo bo rulaganyeditsweng ba bangwe bo tsamaisane le bosula jo bo otlhaiwang.

Mme leano le legolo kgatlhanong le batho ba Modimo e ne e se Hamane kwa Peresia; E ne e le Satane kgatlhanong le Jesu. Fela jaaka Hamane, Satane o ne a dirisa maatla otlhe a Baeteledipele go bolaya mmaba wa gagwe. Mme fela jaaka Hamane o ne tlhoma dikota go kokotela Jesu mo go tsone. Mme go farologana le mokwadi wa ga Esetere yo e leng Modimo yo ka tsela e e gakgamatsang a dirang gore Hamane a se ka a dira bosula pele ga bo direga, Jesu ene o a swa. Mme fela jaaka Esetere a ne a na le sephiri se se neng sa nyeletsa leano la ga Hamane, go ne go na le sephiri se se neng se fitlhilwe mo losong lwa ga Jesu. Fa Satane le babusi ba gagwe ba ka bo ba ne ba itsile sephiri seo, ba ka bo ba sa bapola Jesu. Mme fela jaaka Moretogai a ne a nna le maatla mo go Hamane, Jesu le ene o ne a nna le maatla mo losong ka bo lone.

Ga go na dipolotiki dipe tse di boModimo thata e bile ga go na lebitla lepe le le lefifi thata le o Modimo a ka se kang a le kganela mo bathong ba gagwe. Se se gakgamatsang ke gore, le fa e katswa e le gore Modimo gaa bonwe, ga a utlwiwe, e bile ga a akanngwe mo go Esetere kana mo matshelong a rona, seo ga se reye gore Modimo ga a rulaganye tsogo le phenyo ya ba ba mo ikanyang.

Ke rapela gore Mowa o o Boitshepo o go thuse go bona Mokwadi yo o fitlhegileng wa hisitori. Mme e kete o ka leba Jesu le sefapaano sa gagwe e le phenyo e e gakgamatsang e e gaisang ya maano a baba ba rona.

About this Plan

Esetere

Kgang ya ga Esetere e e kgatlhang, e utulolwa mo thulaganyong eno ya malatsi a le mane ya go buisa, e supetsa jaaka Jesu a intshitse setlhabelo go re golola. Le fa leina la Modimo le sa umakiwe mo bukeng e, Borena jwa gagwe mo ditiragalong ga bo ganetsege, mme bopelokgale le bopelotshweu jwa ga Esetere bo bontsha lorato le thomo ya Gagwe ya go tlisa Tshepo mo lefatsheng.

More