YouVersion Logo
Search Icon

TITO 1

1
Tumediso
1Ke nna Paulo, motlhanka wa Modimo, le moaposetole wa ga Jesu Keresete, ka fa tumelong ya baitshenkedwi ba Modimo, le ka fa kitsong ya boammaaruri e e ka fa poifongmodimo, 2mo tsholofelong ya botshelo jo bo sa khutleng, jo Modimo, o o sa ka keng wa aka, o bo solofeditseng batho pele ga metlha e e se nang tshimologo; 3mme wa bonatsa lefoko la one mo metlheng e e leng yone, ka taetso e ke e neetsweng ka fa taolong ya Modimo Mmoloki wa rona.
4 Ke kwalela Tito, ngwanake ruri ka fa tumelong e re e tlhakanetseng: Tshegofatso le kagiso, tse di tswang Modimong Rara le Keresete Jesu Moreboloki.
Tiro ya ga Tito kwa Kerete
5Ke ne ka go tlogela kwa Kerete ka gone moo, gore o tle o rulaganye dilo tse di neng di tlhaela, le gore o tlhome bagolwane mo motseng mongwe le mongwe jaaka ke go laile; 6 ke raya fa o fitlhela monna e le yo o se nang molato, e le monna yo o mosadi mongwe fela, a na le bana ba ba dumelang, ba ba sa bolelweng ka molato wa tlhapelo, kgotsa e le ba ba ganang taolo. 7Gonne mookami wa phuthego o tshwanetse go nna motho yo o se nang molato, jaaka molebalebedi wa Modimo; e se yo o ikgantshang, e se yo o bonako go galefa, e se yo o losiwang ke bojalwa, e se moitei, e se yo o bolaelwang ke khumo e e maswe pelo; 8mme e le yo o tlwaetseng go tshola batho, e le morati wa se se molemo, e le yo o mogopolo o o lekalekanyeng, a le tshiamo, a le boitshepo, a na le go ikgapa; 9a ngaparetse lefoko le le ikanyegang, le le leng ka fa thutong, gore a tle a nonofe go laya ka thuto e e itekanetseng, le go fenya baganetsi.
10Gonne go na le batho ba le bantsi ba ba ganang taolo, e le babui ba ba ithamakang fela, le batsietsi mme bogolo bone ba bogwera, 11ba melomo ya bone e tshwanetseng go thijwa; e le batho ba ba ribigetsang ba matlo ba le mmogo, ba ruta batho dilo tse di sa tshwanelang, e le gore ba tle ba bone khumo. 12Mongwe wa bone, e le mokaedi mongwe wa bone, o rile: “Bakerete ke baaki ka gale le ka gale, ba sefolofolo se se maswe, ke dijabele tse di bobodu fela.” 13Tshupo eo ke boammaaruri. O ba kgalemele thata ka ntlha ya gone moo, gore ba tle ba itekanele mo tumelong. 14Ba sa tlhokomele mainane a Sejuta, le ditaolo tsa batho ba ba fapogang boammaaruri. 15Mo go ba ba itshekileng, dilo tsotlhe di itshekile; mme mo go ba ba leswe, le ba ba sa dumeleng, ga go sepe se se itshekileng; mme go le tlhaloganyo ya bone e leswe, le segakolodi sa bone se leswe. 16Ba re ba itse Modimo; mme ba o itatole ka ditiro tsa bone, ka ba le makgapha, ba le kgopo, ba tlhobosegile ka ga tiro nngwe le nngwe e e molemo.

Currently Selected:

TITO 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy