YouVersion Logo
Search Icon

2 TIMOTHEO 4

4
1Ke a go laya mo ponong ya Modimo, le ya ga Keresete Jesu, yo o tlaa atlholang batshedi le baswi le ka go bonatshega ga gagwe, le ka bogosi jwa gagwe, ka re: 2Rera lefoko, o tlhoafale go le lobaka le go se lobaka; o tlhotlhomise, o kgalemele, o laye ka bopelotelele jotlhe le ka go ruta. 3Gonne motlha o tlaa tla o ba se ketlang ba iteseletsa go utlwa thuto e e itekanetseng ka one; mme e re ka ba le ditsebe tse di babanyegang, ba tlaa ikgobokanyetsa baruti ba ba ka fa dikgatlhegong tsa bone. 4Ba tlaa itsubula mo boammaaruring, ba fapogela kwa mainaneng. 5Mme wena o nne tekano mo dilong tsotlhe, o itshokele bothata, o dire tiro ya motsamaisa Mafoko a a Molemo, o swetse tirelo ya gago.
6Gonne nna ke setse ke isiwa tshupelo le jaana, le lobaka lwa go tloga ga me lo fitlhile. 7Ke tlhabanye ntwa e e molemo, ke digetse sebaka sa tshiano, ke bolokile tumelo. 8Go tloga fano ke setse ke beetswe serwalo sa tshiamo, sa Morena, moatlhodi wa tshiamo, o tlaa se nnanyang mo tsatsing leo; mme e seng nna ke le nosi, e leng le bone botlhe ba ba ratileng go bonatshega ga gagwe.
Ditaelo tse di amang Paulo ka sebele
9O tle o leke go akofa o tla kwa go nna; 10 gonne Demase o ntatlhile, ka a ratile lefatshe leno, o ile Thesalonika; Keresense o ile Galatia; Tito o ile Dalematia. 11 Ke na le Luke a le esi. Tsaya Mareko o tle nae, gonne o molemo mo go nna mo go direleng. 12 Ke romile Tukiko kwa Efeso. 13 Kobo e ke e tlogetseng mo go Karepo kwa Teroase, o re o tla o tle nayo, le dikwalo, bogolo tsa matlalo.
14 Alekesantere mothudi wa kgotlho o ntiretse bosula jo bogolo; Morena o tlaa mo direla ka fa tirong tsa gagwe. 15Le wena o mo tlhalefe; gonne o ganeditse mafoko a rona thata.
16E rile mo go ikarabeleng ga me ga ntlha, ga go a ka ga dira le ope yo o mpatang, mme botlhe ba ntatlha fela. A ba ke ba se ka ba bewa molato wa gone. 17Mme Morena o ne a ema fa go nna, a ba a nnaya thata; e le gore taetso e tle e bolelwe ka botlalo ka nna, le gore Baditšhaba botlhe ba utlwe; ka gololwa mo molomong wa tau. 18Morena o tlaa nkgolola mo tirong nngwe le nngwe e e bosula, o tlaa mpolokela go nkisa bogosing jwa gagwe jwa selegodimo; yo kgalalelo e ka kang ya nna go ene ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.
Ditumediso tsa bofelo
19 Dumedisa Perisila le Akwila, le ntlo ya ga Onesiforo. 20 Eraseto o fitlhile a nna mo Korinthe, mme Terofimo ke mo tlogetse kwa Mileto a lwala. 21O tlo o leke thata go raka mariga ka go tla. Eubulo o a go dumedisa, le Putense, le Lino, le Kelaudia, le bakaulengwe botlhe.
22A Morena a nne le mowa wa gago. A tshegofatso e nne le lona.

Currently Selected:

2 TIMOTHEO 4: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy