YouVersion Logo
Search Icon

JONA 1

1
1 Jaana lefoko la ga Jehofa la tla kwa go Jona morwa Amitai, la re: 2“Nanoga, o ye kwa Ninefe, motse o mogolo oo, mme o kue, o o nyatse; gonne boikepo jwa bone bo tsile fa pele ga me.”
3Mme Jona a nanoga, a re o tshabela kwa Tarešiše a tswa mo ponong ya ga Jehofa; mme a fologela kwa Jopa, a fitlhela sekepe teng se se yang kwa Tarešiše, mme a se ntshetsa madi a tsamao, a fologela mo go sone, a re o ya nabo kwa Tarešiše, a tswa mo ponong ya ga Jehofa. 4Mme Jehofa a digela phefo e kgolo mo lewatleng, mme ga nna ledimo le legolo la phefo mo lewatleng, ga tshwana jaaka e kete sekepe se tlaa thubega. 5Foo banna ba ba tsamaisang sekepe ba boifa, mongwe le mongwe a goela kwa go modimo wa gagwe; thoto e e mo sekepeng ba e latlhela mo lewatleng, gore se tle se ba fefofalele. Mme Jona o ne a tsenye kwa tengteng ga sekepe; mme a bo a rapame, a thulametse thata.
6Jalo mong wa sekepe a ya kwa go ene, a mo raya a re: “O a reng morobadi ke wena? Tsoga o bitse Modimo wa gago, e tle e re kgotsa Modimo wa re gopola, gore re se ka ra swa.”
7Mongwe le mongwe a raya monkana wa gagwe, a re: “Ntlo re theleng bola, gore re tle re itse gore, bosula jo, bo mo go rona ka ntlha ya ga mang.” Jalo ba thela bola, mme bola jwa kaya Jona. 8Foo ba mo raya ba re: “Re a go rapela, re bolelele tlhe, gore, bosula jo bo mo go rona ka ntlha ya ga mang; tiro ya go ke eng? O tswa kae? Lefatshe la gaeno ke kae? Le batho ba gaeno ke bomang?”
9Mme a ba raya a re: “Ke Mohebere; mme ke boifa Jehofa, Modimo wa legodimo, yo o dirileng lewatle le lefatshe la komelelo.”
10Foo banna bao ba boifa thata, mme ba mo raya ba re: “Ke eng se o se dirileng?” Gonne banna bao ba ne ba itse fa a tshabile a tswa mo ponong ya ga Jehofa, gonne o ne a ba boleletse. 11Foo ba mo raya ba re: “Re tlaa go dirang, gore lewatle le re sisibalele?” Gonne lewatle le ne le ya kwa pele ka go rwalelesega mo gogolo.
12Mme a ba raya a re: “Ntsayang lo ntatlhele mo lewatleng; jalo lewatle le tlaa lo sisibalela; gonne ke a itse fa ledimo le legolo le le mo go lona ka ntlha ya me.”
13Le fa go ntse jalo banna bao ba hudua sekepe ka thata, ba re ba boela kwa lefatsheng, mme ba retelelwa, gonne lewatle la ya fela kwa pele ka go rwalelesega le tlhabaganye nabo. 14Ke gone ka moo ba goelang kwa go Jehofa ba re: “Re a go rapela, Jehofa, re a go rapela, a re se swe ka ntlha ya botshelo jwa monna yo, mme o se ka wa baya mo go rona madi a a se nang molato; gonne wena Jehofa o dirile ka fa o ratileng ka teng.” 15Mme ba tsaya Jona, ba mo latlhela mo lewatleng; mme lewatle la khutla mo go šakgaleng ga lone. 16Foo banna bao ba boifa Jehofa thata, ba isetsa Jehofa setlhabelo, mme ba dira maikano.
17 Mme Jehofa a baakanya leruarua le legolo gore le tle go metsa Jona; mme Jona o ne a le mo mpeng ya leruarua ka malatsi a le mararo le masigo a le mararo.

Currently Selected:

JONA 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy