YouVersion Logo
Search Icon

OBADIA 1

1
Morena o tlaa otlhaya Etome
1Ponatshegelo ya ga Obadia. Go bua jaana Morena Modimo ka ga Etome; a re:
“Re utlwile mafoko
a a tswang mo go Jehofa,
mme morongwa mongwe
o romilwe mo merafeng a re:
‘Nanogang, a re nanogeng
re yeng go tlhabana nae.’
2Bona, ke go dirile mmotlana
mo merafeng,
o nyatsegile thata.
3Mabela a pelo ya gago
a go tsieditse, wena yo o agileng
mo dipharong tsa lefika,
yo bonno jwa gago
bo leng kwa godimo,
yo o buang mo pelong, o re:
‘E mang yo o tlaa mpholosetsang
fa fatshe?’
4Le fa o palamela kwa godimodimo
jaaka ntswi yo motona,
le fa setlhaga sa gago se ka bo
se tlhomilwe mo dinaleding,
ke tlaa go folosa teng,”
go bua Jehofa.
5Fa magodu a ka tla mo go wena,
le fa e le dinokwane bosigo
(ana o ka bo o kgaotswe jang!)
a ba ne ba se ketla ba utswa
go tsamaya ba kgora?
Fa bahudi ba difine
ba ka tla mo go wena,
a ba ne ba se ketla ba sia
maronopo mangwe a difine.
6Ana dilo tsa ga Esau
di hukuditswe jang!
Dikhumo tsa gagwe
tse di fitlhilweng
di batlilwe jang!
7Banna botlhe ba kgolagano nao
ba go buledisitse,
ba ya nao fela kwa molelwaneng;
banna ba ba neng ba le kagiso nao
ba go tsieditse, mme ba go fentse;
ba ba jang dijo tsa gago
ba go beela seru;
ga go na tlhaloganyo epe
mo go ene.
8“A ga nketla ke senya matlhale
a tloga mo Etome mo motlheng oo,
le tlhaloganyo ya tswa
mo thabeng ya ga Esau,”
go bua Jehofa?
9“Le diganka tsa gago,
wena Temane, di tlaa rerega,
e le ka boikaelelo jwa go re,
mongwe le mongwe a kgaolwe
mo thabeng ya ga Esau ka polao.”
Mabaka a kwatlhao ya ga Etome
10“Ditlhong di tlaa go khurumetsa
ka ntlha ya thubako
e e diretsweng monnao Jakobe,
mme o tlaa kgaolwa
ka bosakhutleng.
11E rile mo motlheng
o o ne wa ema ka one kwa thoko,
ka letsatsi le baeng ba ne ba gapa
thoto ya gagwe ka lone,
le batho ba ditšhaba ba tsena
mo dikgorong tsa gagwe,
mme ba thelela Jerusalema bola,
le e leng wena o ne o ntse
jaaka mongwe wa bone.
12O se ka wa leba letsatsi
la ga monnao
mo motlheng wa tatlhego ya gagwe,
o bo o se ka wa itumelela
bana ba Juta
mo tsatsing la tshenyego ya bone;
o se ka wa bua ka pelafalo
mo motlheng wa pitlagano.
13O se ka wa tsena
mo kgorong ya batho ba me
mo motlheng wa tshenyegelo
ya bone; ee, o se ka
wa leba patikego ya bone,
mo motlheng wa tshenyegelo ya bone, le gone
lo se ka lwa baya diatla
mo dilong tsa bone mo motlheng
wa tshenyegelo ya bone.
14 Le gone o se ka wa ema
fa tsela e tlolaganyang e nngwe teng,
go kgaola ba gagwe
ba ba falolang;
o se ka wa neela baba,
bone ba ba setseng,
mo go ba gagwe,
mo motlheng wa pitlagano.
15“Gonne letsatsi la ga Jehofa
le gaufi mo merafeng yotlhe.
Jaaka o dirile,
go tlaa direlwa wena jalo;
tiro ya gago e tlaa boela
mo tlhogong ya gago.
16Gonne jaaka lo nole mo thabeng
ya me e e boitshepo,
merafe yotlhe e tlaa nwa jalo
ka metlha yotlhe ee,
e tlaa nwa e ba e kodumetsa,
mme e tlaa nna jaaka e kete,
ga e ise e be e nne gope.”
Phenyo ya Baiseraele
17“Mme mo thabeng ya Sione
go tlaa nna ba ba falolang,
mme e tlaa nna boitshepo;
ba ntlo ya ga Jakobe
ba tlaa rua dithuo tsa bone.
18Ba ntlo ya ga Jakobe
ba tlaa nna molelo,
le ba ntlo ya ga Josefe
ba tlaa nna kgabo,
ba ntlo ya ga Esau
ba tlaa nna dirite,
ba tlaa fisa mo gare ga bone,
ba tlaa ba laila;
mme ga go ketla go nna le ope
yo o tlaa salelang ntlo
ya ga Esau.”
Gonne Jehofa o go buile.
19Bone ba Borwa
ba tlaa rua thaba ya ga Esau;
ba lefatshe la melapo
ba tlaa rua Bafilisitia,
ba tlaa rua naga ya Eferaime,
le naga ya Samaria;
le Benjamine o tlaa rua Gileate.
20Ba botshwaro jwa lesomosomo
le la bana ba Iseraele,
ba ba mo gare ga Bakanana,
ba tlaa rua go ya fela kwa Sarefate;
mme ba botshwaro jwa Jerusalema
jo bo mo Sefarate,
ba tlaa rua metse ya Borwa.
21Bagolodi ba tlaa tlhatloga
mo thabeng ya Sione
ba tla go sekisa thaba ya ga Esau;
mme bogosi e tlaa nna
jwa ga Jehofa.

Currently Selected:

OBADIA 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy