YouVersion Logo
Search Icon

TITO 3

3
Boitshwaro jwa Sekeresete
1O ba gakolole gore ba ineele mo balaoding, le gore ba nne kutlo mo go ba ba neetsweng taolo, ba etleetsegele tiro nngwe le nngwe e e molemo; 2ba se ka ba bua bosula ka ga motho ope, ba se nne dikgangkgang, ba nne bonolo, ba le boikokobetso jotlhe mo bathong botlhe. 3Gonne e rile gale le rona ra bo re le dieleele, re sa utlwe, re tsiediwa, re direla dithato dingwe le dingwe le dikgatlhego, re tshela ka peloetlhoi, le mo bopelotshetlheng, re le ba ba ilegang, re bile re ilana. 4Mme e rile bopelonomi jwa Modimo Moreboloki bo sena go bonala, le go rata motho ga one, 5ya se ka ya nna ka ditiro tse di dirilweng, mo tshiamong tse rona ka rosi re di dirileng, mme wa re boloka ka fa kutlwelong botlhoko ya one, ka tlhapiso ya go tsalwa seša, le ka bošafatso jwa Mowa o o Boitshepo, 6o o o re goromeleditseng ka letlotlo, ka Jesu Keresete Moreboloki; 7gore e tle e re re siamisitswe ka tshegofatso ya one, re bo re dirwa baruaboswa, ka fa tsholofelong ya botshelo jo bo sa khutleng. 8Go ikanyega polelo e, mme ka ga dilo tse, ke rata wa bolela ka tlhomamo, gore ba ba dumetseng Modimo ba tlhoafalele go nna ba dira ditiro tse di molemo. Dilo tse di molemo di na le thuso mo bathong. 9Mme o tshabe dipotso tsa bonyana, le dipalo tsa ditshika, le dikgang le go lwa ka ga molao; gonne ga di na thuso, di bile di boithamako. 10Motho yo o itomololang mo go ba bangwe, e re a sena go tlhagisiwa gangwe fela, le fa e le gabedi, o mo gane; 11o ntse o itse fa yo o ntseng jalo a fapogile, o a leofa, go bile go itshekisitse ene.
Ditaelo tsa bofelo
12 E tlaa re ke roma Aretemase kwa go wena, le fa e le Tukiko, o tle o itlhaganele go tla kwa go nna kwa Nikopolise: gonne ke ikaeletse go fetisa mariga teng. 13 O felegetse Senase moruti wa molao, le Apolose, mo loetong lwa bone ka tlhoafalo, gore ba se tlhaelwe ke sepe. 14Le ba ga rona, ba ithute go nna ba dira ditiro tse di molemo, tse di ka solegang molemo, gore ba se ka ba nna ka botlhoka loungo.
15Botlhe ba ke nang nabo ba a go dumedisa. Dumedisa bone ba ba re ratang mo tumelong. Tshegofatso e nne le lona lotlhe.

Currently Selected:

TITO 3: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy