YouVersion Logo
Search Icon

PESALEMA 87

87
Ditshwanelo tsa go aga kwa Sione
Pesalema ya bomorwa Kora. Sefela.
1Motheo wa gagwe o mo
dithabeng tse di boitshepo.
2Jehofa o rata dikgoro tsa Sione
bogolo go maago a ga Jakobe
otlhe fela.
3Dilo tse di galalelang
di buiwa ka ga gago,
wena motse wa Modimo. Sela.
4Ke tlaa nna ke umaka Rahabe,
le Babilone
fa ba le mo go bone ba ba nkitseng;
bona Filisitia, le Ture,
ba na le Ethiopia:
“Ene yo o tsaletswe gone.”
5Ee, ka ga Sione go tlaa twe: “Yo
le yole ba tsaletswe mo go ene;”
mme Mogodimodimo ka esi
o tlaa mo tlhomamisa.
6Jehofa o tlaa re a kwala ditšhaba,
a bale a re:
“Ene yo, o tsaletswe gone.” Sela.
7Ba ba opelang,
le ba ba binang ba tlaa re:
“Metswedi ya me yotlhe
e mo go wena.”

Currently Selected:

PESALEMA 87: TSW08NO

Highlight

Copy

Compare

Share

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

Video for PESALEMA 87