YouVersion Logo
Search Icon

PESALEMA 82

82
Modimo ke mmusi le moatlhodi yo mogolo
Pesalema ya ga Asafe.
1Modimo o eme mo phuthegong
ya ona Modimo;
o atlhola fa gare ga medimo.
2“Lo tlaa atlhola ka go sa siamang
ka lobaka lo lo kaye,
lo tlotla sebele sa baikepi? Sela.
3Atlholelang bahumanegi le masiela;
direlang ba ba patikwang le batlhoki
tshiamo.
4Falodisang bahumanegi le batlhoki;
ba gololeng mo seatleng sa baikepi.
5Ga ba itse,
le gone ga ba tlhaloganye;
ba kgarakgatshega mo lefifing;
metheo yotlhe ya lefatshe
e a tshikinyega.
6 Ke rile: ‘Lo medimo,
lotlhe lo bomorwa Mogodimodimo.’
7Le fa go ntse jalo
lo tlaa swa jaaka batho fela,
lo tlaa wa jaaka nngwe
ya dikgosana.”
8Tloga o eme Modimo,
o atlhole lefatshe;
gonne o tlaa rua merafe yotlhe fela.

Currently Selected:

PESALEMA 82: TSW08NO

Highlight

Copy

Compare

Share

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in