YouVersion Logo
Search Icon

PESALEMA 61

61
Boikanyo mo pabalelong ya Modimo
Pesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo; mo seletsong se se ditlhale.
1Utlwa go goa ga me, Modimo;
ela morapelo wa me tlhoko.
2Ke tlaa tlhaeleletsa koo go wena
ke le kwa bokhutlong jwa lefatshe,
mogang pelo ya me
e phikanngwang ke bohutsana,
nkgogela kwa lefikeng
le le godimo bogolo go nna.
3Gonne o ntse o le botshabelo
jwa me, kago e e thata
ya phemelo fa go tshajwa mmaba.
4Ke tlaa aga mo motlaaganeng
wa gago ka bosakhutleng;
ke tlaa tshebela mo sekhukhung
sa diphuka tsa gago. Sela.
5Gonne wena Modimo,
o utlwile maikano a me;
o nneile go tlhakanela boswa
le ba ba boifang leina la gago.
6O tlaa lelefatsa botshelo jwa kgosi;
dinyaga tsa yone di tlaa nna jaaka
ekete ke tsa ditshika di le dintsi.
7E tlaa nna fa pele ga Modimo
ka bosakhutleng; a ko o etleetse
bopelonomi jwa lorato,
gore bo e boloke, le boammaaruri.
8Jalo ke tlaa opelela leina la gago
dipako ka bosakhutleng,
gore ke nne ke diratse maikano a me
ka malatsi otlhe.

Currently Selected:

PESALEMA 61: TSW08NO

Highlight

Copy

Compare

Share

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in