YouVersion Logo
Search Icon

PESALEMA 133

133
Masego a bokopano jwa bana ba motho
Sefela sa Ditlhatlogo.
1Bonang, go molemo jang,
go monate jang,
fa bana ba monna ba aga mmogo
ka pelo nngwe fela.
2Go tshwana jaaka lookwane
lo lo tlhokegang lo le mo tlhogong,
lwa repelelela le kwa ditedung,
e bong ditedu tsa ga Arone;
lwa ba lwa fologela le kwa
dipeeleding tsa diaparo tsa gagwe;
3go tshwana jaaka monyo wa
Heremone, o o fologelang
mo dithabeng tsa Sione;
gonne Jehofa o laoletse tshegofatso
gone,
e bong botshelo ka bosakhutleng.

Currently Selected:

PESALEMA 133: TSW08NO

Highlight

Copy

Compare

Share

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in