YouVersion Logo
Search Icon

NEHEMIA 2

2
Nehemia o romelwa kwa Jerusalema
1Ga dirala ya re ka kgwedi ya Nisane, ka ngwaga wa 20 wa ga Aretaserese kgosi, bojalwa jwa mofine bo le fa pele ga gagwe, ka tsaya bojalwa jwa mofine ka bo neela kgosi. Jaana gale ka bo ke ntse ke sa tlhonya fa pele ga gagwe. 2Kgosi ya nthaya ya re: “O tlhonyeditseng sefatlhogo, ka o sa lwale? Mo ya bo e se sepe se sele fa e se bohutsana jwa pelo fela.” Foo ka boifa thata. 3 Ka raya kgosi ka re: “A kgosi e tshele ka bosaengkae: ana ga ke tlhonyetseng sefatlhogo ka motse le felo ga diphupu tsa borraetsho e le kgakgabalo fela, le dikgoro tsa gone di jelwe ke molelo?”
4Foo kgosi ya nthaya ya re: “Ke eng se o se lopang?” Jalo ka rapela Modimo wa legodimo. 5Ka raya kgosi ka re: “Fa go ka kgatlha kgosi, mme fa motlhanka wa gago a bonye lesego mo ponong ya gago ka re, o nthome kwa Juta, kwa motseng wa diphupu tsa borraetsho, gore ke ye go o aga.”
6Mme kgosi ya nthaya ya re: (mohumagadi wa yone le ene a dutse fa go yone,) “Loeto lwa gago e tlaa nna lwa lobaka lo lokaye? mme o tlaa bowa leng?” Jalo ga kgatlha kgosi go nthoma; mme ka mo tlhomamisetsa lobaka.
7Gape ka raya kgosi ka re: “Fa go ka kgatlha kgosi, a ke newe dikwalo tse di yang kwa balaoding ba ba kwa moseja ga noka, gore ba tle ba ntese ke fete go tle go tsamaye ke fitlhe mo Juta; 8le lokwalo lwa go ya kwa go Asafe molebedi wa sekgwa sa kgosi, gore a nneye dikgong tsa go dira mesipuri ya dikgoro tsa kago e e thata ya phemelo e e leng ya ntlo, le ya lorako lwa motse, le ya ntlo e ke tlaa tsenang mo go yone.” Mme kgosi ya nnaya ka fa seatla se se molemo sa Modimo se ntseng mo go nna ka teng. 9Foo ka tla mo balaoding ba ba moseja ga noka, ka ba naya dikwalo tsa kgosi. Mme kgosi e ne e romile le nna beng ba mephato le bapalami ba dipitse.
10E rile Sanabalate wa Mohorone, le Tobia motlhanka wa Moamone ba go utlwela, ga ba hutsafatsa thata, ka go fitlhile monna yo o tsileng go direla bana ba Iseraele molemo.
11Jalo ka fitlha mo Jerusalema, mme ka tlhola gone malatsi a le mararo. 12Mme ka tsoga bosigo, nna le banna ba se kae ke na nabo; ga ke a ka ka bolelela motho ope se Modimo o se tsentseng mo pelong ya me go se direla Jerusalema, mme ka bo ke se na pelesa epe, fa e se pelesa e ke e palameng fela.
13Ya re go le bosigo ka tswa ka kgoro ya molapo, e bong bolebana le sediba sa kgogela, le kwa kgorong ya letshotelo, ka leba dithako tsa Jerusalema tse di rutlilweng, le dikgoro tsa one tse di jelweng ke molelo. 14Foo ka tswelela kwa kgorong ya motswedi le kwa lekadibeng la kgosi; mme go bo go se na bofeto teng jwa pelesa e ke e palameng. 15Foo ka tlhatloga le molatswana go le bosigo; ka leba lorako, mme ka boela kwa morago, ka tsena ka kgoro ya molapo, ka bowa jalo. 16Balaodi ba ne ba sa itse kwa ke ileng gone, le se ke se dirileng; le gone ke ne ke ise ke se bolelele Bajuta le fa e le baperesiti, le fa e le magosana, le fa e le balaodi, le fa e le ba bangwe ba ba dirang tiro.
17Foo ka ba raya ka re: “Lo a bona bosula jo re mo go jone, jaaka Jerusalema o le kgakgabalo fela, le dikgoro tsa one di jelwe ke molelo. Tlang re ageng lorako lwa Jerusalema gore re tle re se ka ra tlhola re le kgobo.” 18Ka ba bolela ka ga letsogo la Modimo wa me le le neng le le molemo mo go nna; le ka ga mafoko a kgosi e a buileng le nna. Mme ba re: “A re nanogeng re ageng.” Jalo ba ithatafatsa mabogo go tsena mo tirong e e molemo eo.
19Mme e rile Sanabalate wa Mohorone, le Tobia motlhanka, wa Moamone, le Gešeme wa Moarabia ba utlwa, ba re tshega ka tshotlo, ba re nyatsa, ba re: “Ke eng selo se lo se dirang? A lo tlaa tsuololela kgosi?”
20Foo ka ba fetola, ka ba raya ka re: “Modimo wa legodimo o tlaa re tlhogonolofatsa; ke gone ka moo rona batlhanka ba one re tlaa nanogang re aga; mme lona ga lo na kabelo epe, le fa e le tshiamo, le fa e le segopodiso mo Jerusalema.”

Currently Selected:

NEHEMIA 2: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy