YouVersion Logo
Search Icon

LUKE 22

22
Ba rera go oka Jesu
(Math 26:1-5,14-16; Mar 14:1-2,10-11; Joh 11:45-53)
1 Jaana modiro wa senkgwe se se sa bedisiwang, o o bidiwang Tlolaganyo, wa bo o atamela. 2Mme ditlhogo tsa baperesiti le bakwadi ba senka ka fa ba ka mmolayang ka teng; gonne ba boifa batho.
Jutase o raela Jesu
(Math 26:14-16; Mar 14:10-11)
3Satane a tsena mo go Jutase yo o bidiwang Isekariote, e le mongwe wa ba ba 12. 4A ya a loganya le ditlhogo tsa baperesiti le dikgosana, ka fa o ka mo ba neelang ka teng. 5Mme ba itumela; ba golagana nae gore ba tlaa mo naya madi. 6A dumalana nabo; mme a batla lobaka lo o tlaa mo ba neelang ka lone, kwa bontsing jwa batho bo tlaa bong bo seyo teng.
Jesu o baakanyetsa go ja moletlo wa Tlolaganyo le barutwa ba gagwe
(Math 26:17-25; Mar 14:12-21; Joh 13:21-30)
7Ga fitlha letsatsi la senkgwe se se sa bedisiwang, le Tlolaganyo e nang le go tlhajwa ka lone. 8Mme a roma Petere le Johane a re: “Yang, lo re baakanyetse Tlolaganyo gore re e je.”
9Ba mo raya ba re: “O rata ra e baakanya kae?”
10A ba raya a re: “Bonang, e tlaa re lo sena go tsena mo motseng, lo tlaa kgatlhana le monna a rwele nkgwana ya metsi; lo mo sale morago, lo ye nae mo ntlong e o tsenang mo go yone. 11Lo reye mong wa ntlo, lo re: ‘Moruti o a go botsa a re: Ntlo ya bojelo ya baeng e kae e ke tlaa jelang Tlolaganyo mo go yone le barutwa ba me?’ 12O tlaa lo supetsa ntlwana e kgolwane e e kwa godimo, e e adilweng, lo baakanye teng.”
13Mme ba ya ba fitlhela go ntse jaaka a ba boleletse; mme ba baakanya Tlolaganyo.
Selalelo sa bofelo sa Morena
(Math 26:26-30; Mar 14:22-26; 1 Bakor 11:23-25)
14E rile nako e sena go fitlha, a dula le baaposetole ba ba 12 ba na nae. 15Mme a ba raya a re: “Ke tlhologeletswe ka tlhologelelo go ja Tlolaganyo e le lona ke ise ke swe. 16Gonne ke a lo raya, ga nketla ke tlhola ke e ja go tle go tsamaye e dirafale mo bogosing jwa Modimo.”
17Mme a tsaya senwelo, ya re a sena go leboga, a re: “Tsholang se, lo se hupalane; 18gonne ke a lo raya, ga nketla ke tlhola ke nwa loungo lwa mofine, go tle go tsamaye bogosi jwa Modimo bo tle pele.”
19A tsaya senkgwe, mme ya re a sena go leboga, a se ngathoganya, a se ba naya a re: “Se ke mmele wa me o o ntshediwang lona; dirang mo, lo nkgopole ka gone.” 20 Senwelo le sone, a se tsaya jalo, morago ga go sena go jewa, a re: “Senwelo se, ke kgolagano e ntšha mo mading a me, e bong a a tshololelwang lona.
21 “Mme, bonang, seatla sa yo o nkokang se na le nna mo lomating lwa bojelo. 22Gonne ruri Morwa Motho o tsamaya jaaka go ikaeletswe; mme go latlhega monna yo o okwang ke ene!”
23Ba simolola go botsanya gore, e ka nna ofe wa bone yo o ka dirang selo se.
Kgang ka ga yo mogolo
24 Le gone ga tsoga kgang mo go bone ya gore, ke ofe wa bone yo o kaiwang yo mogolo. 25 Mme a ba raya a re: “Dikgosi tsa Baditšhaba di dira ka bogoma mo go bone, le ba ba ba busang ba bidiwa Badiramolemo. 26 Mme lona, ga lo a nna jalo; ene yo e leng yo mogolo mo go lona, a a nne jaaka yo mmotlana; le yo e leng tlhogo, a a nne jaaka yo o direlang. 27 Gonne yo mogolo ke ofe? A ke yo o dutseng a ja, kgotsa ke yo o direlang? A ga se yo o dutseng a ja? Mme nna, ke ntse mo go lona jaaka yo o direlang.
28“Mme lona, ke lona ba ke ntseng ke na le lona mo ditekong tsa me; 29ke lo baya bogosi jaaka Rre a bo mpeile. 30 Gore lo je lo nwe fa lomating lwa me lwa bojelo, mo bogosing jwa me; mme lo tlaa dula mo ditulong tsa bogosi, lo atlhola ditso tse 12 tsa Iseraele.
Jesu o bolela fa Petere a tlaa mo itatola
(Math 26:31-35; Mar 14:27-31; Joh 13:36-38)
31“Simone, Simone, bona, Satane o lopile gore lo mo neelwe, gore a tle a lo fefere jaaka mabele; 32mme ke go rapeletse gore tumelo ya gago e se tlhaele; le wena o re o sena go sokologa, o tle o thatafatse bakaulengwe ba gago.”
33Mme a mo raya a re: “Morena, fa ke na nao ke iketleeditse go ya ntlong ya kgolegelo, le mo losong.”
34Mme a re: “Ke a go bolelela Petere, koko e tona ga e ketla e lela gompieno o ise o intatole gararo, o re ga o nkitse.”
Tlhagiso ka patana ya madi, kgetsana le tšhaka
35 Mme a ba raya a re: “E rile ke lo roma jale, lo se na patana ya madi, le fa e le kuana, le fa e le ditlhako, a lo ile lwa tlhoka sengwe?” Ba re: “Nnyaa.”
36A ba raya a re: “Mme jaanong, yo o nang le patana ya madi, a e tseye, le yone kuana; le yo o se nang tšhaka, a a rekise kobo ya gagwe, a reke nngwe. 37 Gonne ke a lo raya, selo se, se se kwadilweng, se na le go dirafala mo go nna, jaaka go twe: ‘O baletswe le batlodi;’ gonne dilo tse di kwadilweng ka ga me, di a dirafala.” 38Mme ba re: “Morena, bona, ditšhaka ke tse, di pedi.” Mme a ba raya a re: “Go lekanye.”
Jesu o rapela kwa Thoteng ya Lotlhware
(Math 26:36-46; Mar 14:32-42)
39A tswa, a ya kwa Thoteng ya Lotlhware jaaka a tlwaetse; barutwa ba gagwe le bone ba mo sala morago. 40Ya re a fitlha teng, a ba raya a re: “Rapelang, gore lo se tsene mo thaelong.”
41Mme a katogana nabo, e ka ne e le jaaka kwa lentswe le ka konopelwang teng; mme a khubama, a rapela 42a re: “Rra, fa e le go rata ga gago, tlosa senwelo se mo go nna; le fa go ntse jalo, e seng go rata ga me, mme a go rata ga gago go dirale.” 43Mme ga bonala moengele kwa go ene, a tswa legodimong, a mo thatafatsa. 44Mme ka a le mo tlalelong e e mahehe, a rapela ka tlhoafalo e kgolo; mme mofufutso wa gagwe wa nna jaaka marothodi a magolo a madi, a rothela fa fatshe.
45Ya re a khubamologa mo morapelong wa gagwe, a tla barutweng ba gagwe, mme a ba fitlhela ba robaditswe ke bohutsana, 46mme a ba raya a re: “Lo robaletseng? Tsogang, lo rapele gore lo se tsene mo thaelong.”
Jesu o a tshwarwa
(Math 26:47-56; Mar 14:43-50; Joh 18:3-11)
47Mme a re a sa ntse a bua, bonang, bontsi jwa batho, ba eteletswe pele ke mongwe yo o bidiwang Jutase, e le wa ba ba 12, a atamela Jesu go mo atla. 48Mme Jesu a mo raya a re: “Jutase, a o oka Morwa Motho ka katlo?”
49Ya re ba o nang nabo ba bona se se tlaa dirafalang, ba mo raya ba re: “Morena, a ke re reme ka tšhaka?” 50Mme mongwe wa bone a rema motlhanka wa moperesiti yo mogolo, a mo kgaola tsebe ya ka fa letsogong le legolo.
51Jesu a bua a re: “Iketleng! Go ntse!” Mme a ama tsebe ya gagwe, a e fodisa.
52Jesu a raya ditlhogo tsa baperesiti, le dikgosana tsa tempele, le bagolwane ba ba mo tshologetseng, a re: “A lo tsile ka ditšhaka le melamu jaaka e kete lo tshologetse senokwane? 53 E ne ya re ke sa ntse ke na le lona ka malatsi otlhe mo tempeleng, ga lo a ka lwa nkotlololela mabogo; mme lono ke lobaka lwa lona, le thata ya lefifi.”
Petere o itatola Jesu
(Math 26:57-58,69-75; Mar 14:53-54,66-72; Joh 18:12-18,25-27)
54Ba mo tshwara, ba mo goga, ba mo isa kwa ntlong ya moperesiti yo mogolo. Petere a mo latela ka go mo gwalalela. 55Ya re ba sena go gotsa molelo fa gare ga lolwapa, ba dutse mmogo, Petere a dula fa gare ga bone. 56Mme lelata lengwe ya re le mmona a dutse fa molelong, a mo leba thata a re: “Monna yo le ene o ne a nna nae.”
57Mme a itatola a re: “Mosadi, ga ke mo itse.”
58Ga feta lobakanyana, mme yo mongwe le ene a mmona a re: “Le wena o mongwe wa bone.” Mme Petere a re: “Monna, ga se nna.”
59Ga feta lobaka e ka ne e le lwa nako e le nngwe fela, mme yo mongwe a tlhomamisa thata a re: “Ammaaruri, monna yo le ene o ne a nna nae; ka e le Mogalilea.”
60Petere a re: “Monna, ga ke itse se o se buang.” Fela ka bonako a sa ntse a bua, koko e tona ya lela. 61Mme Morena a retologa, a leba Petere. Mme Petere a gakologelwa lefoko la Morena, jaaka a mo reile a re: “E tlaa re koko e tona e ise e lele gompieno, o tlaa bo o intatotse gararo.” 62Mme Petere a tswela kwa ntle, a lela mo go botlhoko.
Jesu o a sotlwa a ba a itewa
(Math 26:67-68; Mar 14:65)
63Banna ba ba tshwereng Jesu, ba mo sotla, ba mo itaaka. 64Ba mo fapa matlho ba re: “Bolela, e mang yo o go tlhantseng?” 65Le dilo tse dingwe di le dintsi ba di bua ka ga gagwe, ba mo kgala ka tsone.
Jesu o fa pele ga lekgotla
(Math 26:59-66; Mar 14:55-64; Joh 18:19-24)
66E rile bosa bo sena go sa, bagolwane ba batho, le ditlhogo tsa baperesiti, le bakwadi, ba phuthega, ba mo goga ba mo isa mo tshekong ya bone, ba re: 67“Fa o le ene Keresete re bolelele.” Mme a ba raya a re: “Fa ke lo bolelela ga lo ketla lo dumela; 68le gone fa ke lo botsa ga lo ketla lo mphetola. 69Go tloga fano jaana, Morwa Motho o tlaa dula ka fa letsogong le legolo la nonofo ya Modimo.”
70Ba bua botlhe ba re: “A o Morwa Modimo?” A ba raya a re: “Lona lwa re, ke nna ene.”
71Mme ba re: “Re sa ntse re dirang ka tshupo? Ka re mo ikutlwetse a bua ka molomo wa gagwe.”

Currently Selected:

LUKE 22: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy