YouVersion Logo
Search Icon

LUKE 19

19
Jesu le Sakaio
1Mme a tsena, a ralala Jeriko. 2Bonang, ga bo go le monna yo o bidiwang Sakaio; ya bo e le mokgethisi yo mogolo, a humile. 3A batla go bona Jesu gore e mang; mme a retelelwa ka ntlha ya bontsi jwa batho, ka gobo a le mokhutshwane. 4Mme a tabogela kwa pele, a palama setlhare sa mosekamore gore a tle a mmone; ka a tlaa feta ka tsela eo. 5Ya re Jesu a fitlha felong foo, a lelala, a mo raya a re: “Sakaio, akofa o fologe, gonne ke na le go tlhola kwa ntlong ya gago gompieno.”
6A akofa a fologa, mme a mo tshola ka boitumelo. 7Ya re batho ba bona jalo, ba ngongorega botlhe ba re: “O ile go tlhola kwa goo rra monna yo e leng moleofi.”
8Sakaio a ema, a raya Morena a re: “Bona, Morena bontlhanngwe jwa dilo tsa me ke bo naya bahumanegi; mme fa ke tseetse mongwe selo sengwe ka patiko, ke mo rebolela di le nne.”
9Jesu a mo raya a re: “Gompieno poloko e tsile mo ntlong e, gonne le ene ke morwa Aberahame. 10 Gonne Morwa Motho o tsile go batla le go boloka se se neng se latlhegile.”
Setshwantsho sa diponto tse di some
(Math 25:14-30)
11 Ya re ba sa ntse ba reeditse dilo tse, a oketsa, a bua setshwantsho ka gobo a le gaufi le Jerusalema, le gone ka ba itlhoma bogosi jwa Modimo bo tlaa akofa bo bonala. 12Ke gone a re: “Mogolwane mongwe o kile a etela kwa lefatsheng le le kgakala, a ya go ikamogelela bogosi, le go ba a boa. 13A bitsa batlhanka ba gagwe ba ba some, a ba neela diponto di le some; a ba raya a re: ‘Bapalang ka tsone, go tsamaye ke be ke tle.’ 14Ba motse wa ga gabo ba bo ba mo tlhoile, mme ba roma batho ba ya go mo latela ba re: ‘Ga re rate monna yo a re busa.’
15“Ga dirala e rile a sena go boa, bogosi jone a bo amogetse, a laola gore batlhanka bao ba bilediwe kwa go ene, e bong ba o ba neetseng madi, gore a tle a itse ka fa ba bapetseng ka teng. 16Wa ntlha a tla fa pele ga gagwe a re: ‘Morena, ponto ya gago e bapetse diponto di le some kwa ntle.’ 17Mme a mo raya a re: ‘O dirile sentle motlhanka yo o molemo; e re ka o ne o ikanyega mo go se sennye, amogela thata ya go laola metse e le some.’ 18Wa bobedi, a tla a re: ‘Morena, ponto ya gago e bapetse diponto di le tlhano kwa ntle.’ 19Le ene a mo raya a re: ‘Le wena o laole metse e le metlhano.’
20“Yo mongwe a tla a re: ‘Morena, bona, ponto ya gago ke e; ke e bolokile ka go e bofelela ka letsela. 21Gonne ke go boifile, ka o le monna yo o se nang mafoko; o tsaya se o sa se bayang; o robe se o sa se jalang.’ 22A mo raya a re: ‘Ke tlaa go sekisa ka molomo wa gago, motlhanka yo o bosula ke wena. O itsile fa ke le monna yo ke se nang mafoko, ke tsaya se ke sa se bayang, ke robe se ke sa se jalang; 23ke gone, o ne o sa tsenyetseng madi a me mo polokelong ya baatisi ba one? E ne e tlaa re ke tla, ke be ke a batle le kokeletso ya one?’
24“A raya ba ba emeng teng a re: ‘Mo tseeleng ponto eo, lo e neye yo o nang le lesome la diponto.’ 25Ba mo raya ba re: ‘Morena, o na le diponto di le some.’ 26 Ke a lo raya ka re: ‘Mongwe le mongwe yo o nang le sengwe, o tlaa newa; mme yo o se nang sepe, go tlaa tsewa mo go ene le se o nang naso.’ 27Le fa go ntse jalo baba bao ba me, ba ba ganneng, ba re, ke se ka ka ba busa, ba lereng kwano, lo ba bolaele fa pele ga me.”
Jesu o tsena ka megolokwane mo Jerusalema
(Math 21:1-11; Mar 11:1-11; Joh 12:13-22)
28E rile a sena go bua jalo, a fetela kwa pele, a tlhatlogela kwa Jerusalema. 29Ga dirala e rile a atamela Bethefage le Bethania, fa thoteng e e bidiwang ya Lotlhware, a roma barutwa ba gagwe ba le babedi. 30A re: “Yang mo motsaneng o lo lebaganyeng nao; o e tlaa reng lo tsena mo go one lo fitlhele eselana e golegilwe, e e iseng e ke e pagangwe ke ope; e gololeng lo tle nayo. 31Mme fa mongwe a lo botsa a re: ‘Lo e gololelang?’ Lo mo reye lo re: ‘Morena o a e batla.’ ”
32Ba ba romilweng ba ya, mme ba fitlhela fela jaaka a ba boleletse. 33Ya re ba sa golola eselana, beng ba yone ba ba raya ba re: “Lo gololelang eselana?”
34Mme ba re: “Morena o a e batla.” 35Ba e isa kwa go Jesu; ba latlhela diaparo tsa bone mo eselaneng, ba palamisa Jesu mo go yone. 36Ya re a tsamaya, ba ala diaparo tsa bone mo tseleng.
37Ya re jaana a atamela, a le fela fa phologong ya Thota ya Lotlhware, bontsi jotlhe jwa barutwa jwa simolola go duduetsa, le go baka Modimo ka lentswe le legolo, ka ntlha ya ditiro tsotlhe tsa nonofo tse ba di bonyeng; 38 ba re: “Go bakwe Kgosi e e tlang ka leina la Morena; kagiso kwa legodimong le kgalalelo kwa bogodimodimong.”
39Bafarisai bangwe ba ba mo bontsing jwa batho, ba mo raya ba re: “Moruti, kgalemela barutwa ba gago.”
40Mme a ba fetola a re: “Ke a lo bolelela gore fa ba, ba ka didimala, maje a tlaa akofa a goa.”
Jesu o lelela Jerusalema
41Ya re a atamela, a bona motse, a o lelela a re: 42“Ao! O ka bo o itsile, ee, e leng wena, mo tsatsing leno le la gago, o ka bo o itsile dilo tse e leng tsa kagiso! Mme jaanong di subetswe matlho a gago. 43Gonne metlha e tlaa tla mo go wena ya gore baba ba gago ba tlaa tlhatlosa lomota tikologong ya gago, ba tlaa go dika, ba go kganelela ka ntlha tsotlhe. 44Ba tlaa go piriganyetsa fa fatshe le bana ba gago ba le mo teng ga gago; mme ga ba ketla ba tlogela mo go wena lentswe lepe le tlhatlaganye le le lengwe; gonne o ne o sa itse motlha wa go lekolwa ga gago.”
Phepafatso ya tempele
(Math 21:12-17; Mar 11:15-19; Joh 2:13-22)
45A tsena mo tempeleng; a simolola go kgoromeletsa ntle ba ba rekisang; 46 a ba raya a re: “Go kwadilwe ga twe: ‘Ntlo ya me e tlaa bidiwa ntlo ya borapelelo,’ mme lona lo e ntshitse mongobo wa dinokwane.”
47 A ruta ka letsatsi lengwe le lengwe mo tempeleng. Mme ditlhogo tsa baperesiti le bakwadi, le bagolwane ba batho, ba senka go mmolaya; 48ba bo ba sa ka ke ba bona ka fa ba ka dirang ka teng, gonne batho botlhe ba mo kgomareletse go mo reetsa.

Currently Selected:

LUKE 19: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy