YouVersion Logo
Search Icon

JOŠUA 24

24
Jošua o sadisa batho sentle kwa Shekeme
1Jošua a phuthela ditso tsotlhe tsa Iseraele kwa Shekeme, a bitsa bagolwane ba Iseraele, le ditlhogo tsa bone, le baatlhodi ba bone, le bagogi ba bone; mme ba iponatsa fa pele ga Modimo. 2 Jošua a raya batho botlhe, a re: “Jehofa Modimo wa Iseraele, o bua jaana, a re: ‘Borraeno gale ba ne ba agile kwa moseja ga Noka, e bong Tera, rraagwe Aberahame le rraagwe Nahore; ba direla medimo e sele. 3 Ka tsaya rraeno Aberahame kwa moseja ga Noka, ka mo ralatsa lefatshe la Kanana, ka ntsifatsa losika lwa gagwe, ka mo naya Isake. 4 Isake ka mo naya Jakobe le Esau; Esau ka mo naya thaba ya Seire go e rua; Jakobe ene le bana ba gagwe ba fologela kwa Egepeto. 5 Ka roma Moše le Arone, ka betsa Egepeto, ka fa ke dirileng mo gare ga gone ka teng; morago ga mo ka lo ntsha gone. 6 Ka ntsha borraeno mo Egepeto, lwa tla kwa lewatleng; Baegepeto ba konatelela borraeno ka dikara tsa tlhabano, le bapalami ba dipitse, go ya kwa Lewatleng le Lehibidu. 7E rile ba goela kwa go Jehofa, a baya lefifi gare ga lona le Baegepeto, a lere lewatle mo go bone, a ba khurumetsa; matlho a lona a bonye se ke se dirileng mo Egepeto; mme lwa aga mo nageng malatsi a le mantsi. 8 Ka lo fitlhisa mo lefatsheng la Baamore, ba ba neng ba agile kwa moseja ga Joretane; mme ba tlhabana le lona; mme ka ba tsenya mo seatleng sa lona, lwa rua lefatshe la bone; ka ba senya fa pele ga lona. 9 Foo Balake morwa Sipore, kgosi ya Moabe, a nanoga a tlhabana le Iseraele; a roma batho ba ya go bitsa Balaame morwa Beore, gore a tle go lo hutsa, 10mme ka gana go reetsa Balaame; ke gone ka moo a fela a ntse a lo segofatsa; ka lo golola mo seatleng sa gagwe. 11 Lwa kgabaganya Joretane, lwa tla kwa Jeriko; mme banna ba Jeriko ba tlhabana le lona, Baamore, le Baperise, le Bakanana, le Bahite, le Bagiregaše, le Bahife le Bajebuse; ka ba tsenya mo seatleng sa lona. 12 Ka isa moruthwane fa pele ga lona, wa ba leleka fa pele ga lona, e bong dikgosi tse pedi tsa Baamore; e ne e se ka tšhaka ya gago, le fa e le ka bora jwa gago. 13 Ka lo naya lefatshe le lo se kang lwa dira mo go lone, le metse e lo se kang lwa e aga, lo agile mo go yone; lo ja masimo a mafine, le masimo a matlhware a lo se kang lwa a tlhoma.’
14“Ke gone jaana boifang Jehofa, lo mo direle ka mo go se nang boithamako, le ka boammaaruri; lo tlose medimo e borraeno ba ne ba e direla kwa moseja ga Noka, le mo Egepeto; mme lo direle Jehofa. 15Mme fa lo bona go le bosula go direla Jehofa, itshenkeleng gompieno yo lo tlaa mo direlang; le fa e le medimo e borraeno ba ne ba e direla, e e neng e le kwa moseja ga Noka, gongwe medimo ya Baamore, ba lefatshe la bone lo agileng mo go lone; mme ka ga me, le ba ntlo ya me, rona re tlaa direla Jehofa fela.”
16Batho ba mo fetola, ba re: “A Modimo o ka ka wa re itsa gore re se ka ra latlha Jehofa, ra direla medimo e sele; 17gonne Jehofa Modimo wa rona ke ene yo o re ntshitseng le borraetsho mo lefatsheng la Egepeto, mo ntlong ya botlhanka, ke ene yo o dirileng ditshupo tse dikgolo tseo mo ponong ya rona, a ba a re tlamela mo tseleng yotlhe, e re e tsamaileng, le mo bathong botlhe ba re raletseng gare ga bone. 18Jehofa a ba a leleka ditšhaba tsotlhe fa pele ga rona, e bong Baamore ba ba neng ba agile mo lefatsheng; ke gone ka moo le rona re tlaa direlang Jehofa, gonne ke ene Modimo wa rona.”
19Mme Jošua a raya batho, a re: “Ga lo kake lwa direla Jehofa; gonne ke Modimo o o boitshepo; ke Modimo o o lefufa; ga o ketla o lo itshwarela ditlolo tsa lona, le fa e le maleo a lona. 20Fa lo latlha Jehofa, lo direla medimo e sele ya seeng, foo o tlaa retologa a lo direla bosula, a lo nyeletsa, a sena go lo direla molemo.”
21Batho ba raya Jošua, ba re: “Nnyaa; go direla Jehofa, re tlaa mo direla.”
22Jošua a raya batho, a re: “Lo basupi ka ga lona fa lo itshenketse Jehofa go mo direla.” Mme ba re: “Re basupi.”
23A ba a re: “Ke gone jaana tlosang medimo e sele ya seeng e e mo go lona, lo sekegele Jehofa Modimo wa Iseraele dipelo tsa lona.”
24Batho ba raya Jošua, ba re: “Re tlaa direla Jehofa Modimo wa rona, re tlaa reetsa lentswe la gagwe.”
25Jalo Jošua a dira kgolagano le batho ka tsatsi leo, a ba beela tao, le taolo e e tlhomameng mo Shekeme. 26Jošua a kwala mafoko a mo lokwalong lwa molao wa Modimo; a tsaya lentswe le legolo, a le tlhoma teng fa tlase ga mooka o o neng o le fa felong ga boitshepo ga Jehofa. 27Jošua a raya batho botlhe, a re: “Bonang, lentswe le, le tlaa nna mosupi gare ga rona; gonne le utlwile mafoko otlhe a Jehofa o a buileng le rona; ke gone le tlaa nna mosupi ka ga lona, e se re kgotsa lwa itatola Modimo wa lona.” 28Jalo Jošua a naya batho tsela, mongwe le mongwe go ya bosweng jwa gagwe.
Loso lwa ga Jošua le lwa ga Eleasare
29Ga dirala morago ga dilo tse, Jošua morwa Nune, motlhanka wa ga Jehofa, a swa a le botsofe jwa dinyaga di le 110. 30 Ba mo fitlha mo molelwaneng wa boswa jwa gagwe mo Timenathesera, o o mo lefatsheng la makgabana la Eferaime, bopota thaba ya Gaaše ka fa ntlheng ya botsheka. 31Baiseraele ba direla Jehofa ka malatsi otlhe a ga Jošua, le ka malatsi otlhe a bagolwane ba ba tlogetsweng ke Jošua, ya bo e le ba ba itsileng tiro yotlhe ya ga Jehofa, e o ne a e diretse Iseraele. 32 Marapo a ga Josefe, a bana ba Iseraele ba duleng nao kwa Egepeto, ba a fitlha mo Shekeme, mo sebateng sa lefatshe se Jakobe o kileng a se reka mo go bormorwa Hamore rra Shekeme ka dipapetlana tsa madi tse di lekgolo; mme sa nna boswa jwa bana ba ga Josefe. 33Le ene Eleasare morwa Arone a swa; mme ba mo fitlha mo thoteng ya ga Finehase morwawe, e o ne a e neilwe mo lefatsheng la makgabana la Eferaime.

Currently Selected:

JOŠUA 24: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy