YouVersion Logo
Search Icon

JONA 3

3
Jona o ya kwa Ninefe
1Lefoko la ga Jehofa la tla kwa go Jona lwa bobedi, la re: 2“Nanoga, o ye kwa Ninefe motse oo o mogolo, mme o o rerele thero e ke tlaa e go laolelang.”
3Jalo Jona a nanoga, a ya kwa Ninefe, ka fa lefokong la ga Jehofa. Ninefe ya bo e le motse o mogolo thata, o o ka ralalwang ka loeto lwa malatsi a le mararo. 4 Mme Jona a simolola go tsena motse loeto lwa letsatsi le le lengwe fela, mme a kua, a re: “Go sa le malatsi a le 40, Ninefe o tlaa ribegediwa.”
5Mme batho ba Ninefe ba dumela Modimo; mme ba laola gore go ikidiwe dijo; ba apara letsela la kgetse go simolola ka yo mogolo mo go bone, go ya fela kwa go yo mmotlana mo go bone.
6Mafoko ao a ya a fitlha kwa kgosing ya Ninefe, mme ya nanoga mo setulong sa yone sa bogosi, ya apola kobo ya yone e tona, ya apara letsela la kgetse, ya dula mo moloreng. 7Ya opa mokgosi, ya kua mo motseng otlhe wa Ninefe ka taolo ya kgosi le ya bagolwane ba yone, go twe: “A go se nne motho ope yo o isang sepe mo ganong, le fa e le setshedi sa matlhape, le fa e le sa letsomane; a di se hule le fa e le go nwa metsi. 8A go ikhurumediwe ka letsela la kgetse, motho le setshedi, mme go goelediwe Modimo ka thata, ee, a mongwe le mongwe a sokologe mo tseleng ya gagwe e e bosula, le mo thubakong e e mo diatleng tsa bone. 9E mang yo o itseng gore, a Modimo ga o ketla o sokologa o ikwatlhaya, o boa mo bogaleng jwa one jo bo gaketseng, gore re se ka ra swa?”
10Mme Modimo wa bona ditiro tsa bone, gore ba sokologile mo tseleng ya bone e e bosula; mme Modimo wa ikwatlhaela bosula jo o rileng o tlaa bo ba direla; wa se ka wa bo dira.

Currently Selected:

JONA 3: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy