YouVersion Logo
Search Icon

BAHEBERE 1

1
Modimo o buile ka Morwa wa one
1Modimo, o e rileng ka o buile le borara mo metlheng ya bogologolo ka baperofeti, ka mafoko mangwe le mangwe, le ka mekgwa mengwe le mengwe, 2o buile le rona mo bokhutlong jwa metlha eno ka Morwa one, yo o mmeileng morui wa dilo tsotlhe, yo o bileng wa dira dipopo ka ene; 3yo e reng ka e le ene marang a kgalalelo ya one, le setshwano ka sebele sa Bomodimo jwa one, a bile a tshegeditse dilo tsotlhe ka lefoko la nonofo ya gagwe; ka re, e rile a sena go dira bontlafatso jwa dibe, a dula ka fa letsogong le legolo la Borena kwa godimodimo.
Bogolo jwa Morwa Modimo
4O diregile mogolo go feta baengele, fela jaaka a ruile leina le le gaisang la bone. 5 Gonne o kile wa raya ofe wa baengele ka lobaka longwe wa re:
“O Morwaake,
ke go tsetse gompieno”?
Gape, “Ke tlaa nna Rraagwe,
Mme ene o tlaa nna Morwaake”?
6 Gape ya re o tlisa motsalwapele wa one mo lefatsheng wa re:
“A baengele botlhe ba Modimo
ba mo obamele.”
7 Ka ga baengele o buile wa re:
“O dira baengele ba one diphefo,
le badiredi ba one
kgabo ya molelo.”
8 Mme ka ga Morwa one o buile, wa re:
“Setulo sa gago sa bogosi,
Modimo, se ntse ka bosakhutleng
le ka bosaengkae;
tsamma ya thokgamo ke yone
tsamma ya bogosi jwa gago.
9O ratile tshiamo
mme wa ila boikepo;
ke gone Modimo,
Modimo wa gago,
o go tloditseng ka lookwane
lwa boitumelo
godimo ga bankana ba gago.”
10 Gape:
“Wena Morena,
e rile mo tshimologong
wa thaya motheo wa lefatshe,
mme magodimo
ke ditiro tsa diatla tsa gago;
11tsone di tlaa nyelela,
mme wena o nnetse ruri;
tsone tsotlhe di tlaa onala
jaaka seaparo;
12mme o tlaa di mena jaaka morepo,
jaaka seaparo, mme di tlaa fetolwa;
mme wena o bo o ntse
jaaka o ntse fela,
dinyaga tsa gago ga di ketla di fela.”
13 O kile wa bua ka ga ofe wa baengele ka lobaka longwe wa re:
“Dula ka fa letsogong la me
le legolo,
ke tle ke tsamaye ke dire baba
ba gago
sebeo sa dinao tsa gago”?
14Bone botlhe a ga se mewa e e direlang, e e rongwang mo tirong ka ntlha ya ba ba tlaa ruang poloko?

Currently Selected:

BAHEBERE 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy